Dikgosana di tla atswiwa
20 May 2015
Kgosi ya Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe, o supile fa dikgosana tsa tetlanyo tse di ntseng di ithaopile di tlaa atswiwa.
O buile seo fa a ile go tsaya leina la kgosana ya tetlanyo e ntseng e ithaopile kwa kgotlang ya Goo-Moatlhodi kwa Khudumelapye. Kgosi Gaoonwe o supile fa puso e lemoga boithaopo jwa dikgosana tsa tetlanyo ke jaaka e na le thulaganyo ya go ba atswa.
O kaile fa puso e ka se atswe dikgosana tsotlhe nako ele nngwe. O ne tlhalosa fa a tsile go tsaya bosupi jwa gore Rre Dikakanyo Gaoswediwe wa kgotlana ya Goo Moatlhodi ke ene a ntseng a ithaopile go ele kgosana ya tetlanyo.
Fa ba mokgwa dikgaba mongwe wa ba kgotlana eo Rre Basia Dipolelo o ne a supa fa ba amogela gobo kgosana ya bone e tla atswiwa ke puso ka a sale a ithaopa lebaka le le leele.
Rre Gilbert Gaoswediwe o ne a ngongorega gore a bo asa tlhophiwa go nna kgosana ya kgotla eo ka ele ngwana wa ga moswi Rre Gosiame Gaoswediwe yo e neng ele moithaopi wa kgotlana eo.
O ne a supa fa gone gole maleba gore e nne ene yo a tlhatlhamang rraagwe gona le Rre Dikakanyo Gaoswediwe yo e leng rangwanaagwe.Go mo kgwa dikgaba Rre Angry Lempodi o nea supa fa ene yare ba tlhopha leina la ga Rre Dikakanyo Gaoswediwe go ne ga seka ga nna le ngongora.
O ne a supa fa a gakgamala go kopana le dikngongora morago ga lebaka le le kana kana kgosana eo e ithaopile mme go sena mongongoregi. Mongwe wa ba lelwapa la kgotlana eo Rre Diteko Gaoswediwe one a supa fa ele nnete kgosana ya bone ena le lebaka le le leele e ba ithaopetse.O kaile fa Rre Dikakanyo Gaoswediwe a ne a ba letlanya go sena ope yo o kgatlhanong le ene.
O kaile gape fa bane ba bitsa morafe wa kgotlana eo go tlhopha leina la kgosana mme ba tlhopha Rre Gaoswediwe yo e leng kgosana le ka sebaka se. Mo mafokong a gagwe a malebo Kgosi ya Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o ne a supa fa a lebogetse tshwetso ya puso go atswa dikgosana tse di ntseng di ithaopile.
O kaile fa e sale a lela gore go atswiwe dikgosana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 20 May 2015






