Breaking News

Mapodisi a batla mmangwana

20 May 2015

Mapodisi a Dukwi a kopa setshaba go ba thusa go batla mmaagwe ngwana yo o fitlhetsweng a phuagantswe fa setlhareng sengwe kwa Dukwi.

Go ya ka mogolwane a mapodisi a Dukwi,Superintendent Goitsemang Mokgatle, lesea leo le bonwe phakela wa Labone (Motsheganong 14) le phuthetswe ka dikobo.

Supt Mokgatle a re lesea leo le dikgwedi tse pedi mme go lebega fa mmalone a ne a le apeesa dilwana a ba a mo phutla ka kobo a mo robatsa fa tlase ga setlhare a bo a mo tlogela bosigo jwa Laboraro.

O boletse fa lesea leo le le kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa le beelweng teng go santse go batlwa mmaalone. O ne a kopa batho go loma mapodisi tsebe fa ba itse mongwe yo o neng a na le ngwana mme a sa tlhole a bonala a na naye mo nako ya gompieno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2015