Dikolo tsa kgaolo ya Nkange di dira botoka
20 May 2015
Mogolwane mo ofising ya thuto kwa Tutume,Rre Otukile Chaba, a re dikole tse di mo kgaolong ya gagwe di dirile botoka thata mo maduong a ditlhatlhobo.
Rre Chaba o buile seo mo thuto-puisanong e rulaganyeditswe bagokgo le bathusi ba bone ba dikole tse di mo kgaolong ya botlhophi ya Nkange kwa Tutume ka Mosupologo (Motsheganong 18).A re mo dikole tse di potlana maemo a bobedi go ema ka a borataro mo dikoleng tse di masome mane le botlhano tse di mo kgaolong potlana ya Tutume ke tse di mo kgaolo eo.
O ne a tlhalosa fa le tse di dikgolwane di dira botoka thata ka le tsone di kgonne go tsaya maemo a ntlha go ema ka a bone.
Rre Chaba are dikole tse gape di lesego ka batho ba kgaolo ba amogetse mogopolo wa thuto wa go thusa dikole(adopt-a school initiation)ka di bona di thuso le mo nakong ya dimpho selo se se rotloetsang maduo.
A re gape le mopalamente wa kgaolo eo,Rre Edwin Batshu o ba eme noken thata ka o rotloetsa thuto mo ebile e le ene a neng a rulaganya dithuto-puisanyo tseo tsa go suga baeteledipele ba dikole.
O tsweletse a supa fa le ntswa ba kgona go dira ka natal ba santse ba lebanwe ke dikgwetlho tsa tlhaelo ya barutabana, matlo a borutelo le a bonno le dipalamo go dira tiro ya bone ka bokabane.
Mogakolodi wa tsa thuto,Dr collie Monkge(education consultant),o ile a gwetlha baeteledipele bao go nna baeteledipele ba ba nnang le tebelopele ba ba nyoretsweng go bona go nna le phetogo mo bokamoso jwa ngwana.
Dr Monkge are ga gona ngwana ope yo go twe o a palelwa,ngwana o tshwanetse go nenekediwa gore a kgone go nna le seabe ka seo o ka kgona go itshupa bo kgone jwa gagwe.
O ile are gape barutabana ban a le mokgwa wa go baya bana ka mola(rows),a re thulaganyo eo ga e a siamela baithuti ka seo bangwe ba salela morago bogolo jang ba ba bonya mo utlwa.
A ba kopa go fetola mokgwa oo,are a bana ba bewe ka ditlhophana gore bana ban ne le seabe botlhe go tlhoke ba ba salelang kwa morago. O ne a tswelela a kopa baeteledipele bao go bona gore ba ba ba okameng ba dira tiro ka botlalo ka bangwe ba dirwa ka go salwa morago mme seo se ame maduo a baithuti.
A re gape ba tshwanetse ba nne le botsalana le mongwe le mongwe yo o mo sekoleng gore ba kgone go goga mmogo go sena yo o salelang kwa morago ka batho botlhe ba ba mo sekoleng ban a le seabe se se tona mo maduong a sekole.
A re gape ba tshwanetse go nna le tlhulaganyo ya lenaneo la bone gore bay a go dira tiro ya bone jang le maikaelelo a bone mme ka seo ba ka kgona go lemoga makoa a bone motlhofo ka seo ba ikgatlhe motlhala ba baakanye diphoso ta bone.
E ne erile pele,fa a ba ema ka lefoko,tona ya tsa pereko le selegae yo o ebileng e le mopalamente ya Nkange,o ne a bolela fa maikaelelo a dithuto teso e ne e le go suga baeteledipele ba dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya gagwe go dira diphetogo mo tirong ya bone.
Rre Batshu a re o rotloetsa thuto ka o setse a rekile dijana tse di amoganwang tse di lwelang ke dikole tse di gaisetseng le go rekela morutabana yo o gaisetse mo maduong a ditlhatlhobo laptop.A bolela fa seo ele go rotloetsa thuto mo baneng le mo barutabaneng.
O ne a kopa baeteledipele bao gonna le boikarabelo le go tsaya thuto eo ka tlhoafalo go ya go ntsha maduo a a nametsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Thuto puisano
Date : 20 May 2015






