Boa gape maduo a go bereka ka natla
19 May 2015
Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng, ke nonyane ya mofuta o.
Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo ele se se phatlolang letlalo la mmele.
Makuku a naka tsa nare banana ba bo ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e abo e le gone ba gorogang go tswa maitisong mme go a farologana ka Mme Kutlwano Dipheko wa Tsabong, ka nako e ene o a bo a thinkgetse a duba borotho, seswaa le serobe a sa bolo go di kgoba.
Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela,ke ka mo Mme Dipheko eleng mmamoratwa wa bareki ba ba tlotlileng go ja mo makuku le ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro.
Fa o feta fa semausung sa ga mme Dipheko fa gare ga nako ya borababongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama,ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo.
Mmega dikgang wa BOPA mme Johannah Martin o ne a buisana le mme Dipheko go itseela ka tlhamalalo ka kgwebo ya gagwe e e itsegeng ka leina la Boa gape.
Fa a bua ka tshimologo ya kgwebo ya gagwe,Dipheko a re o godile a rata kapei ka a tsholetswe ebile a goletse mo losikeng lo lo ratang kapei lobaibai.
A re go lemogeng ga ga mmagwe le bommangwanaagwe gore o rata kapei,ba ne ba seka ba mo itsapela mme ba mo fapanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei.
Erile morago ga go fetsa dithuto tsa khomputara Dipheko o ne a bona go le thata go ka bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go bereka.
Ka lebaka le,o ne a seka a simolola a ipaya mo sekaleng sa gore o rutegile a tlhaola ditiro, mme o ne a berekela mo marekisetsong a dijo a a farologaneng mo Tsabong,ele mmaseapei gape ele morekise.
Dipheko a re moono wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a tsa kapei e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo,go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka a ne a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo.
Mo dingwageng tse thataro tse Dipheko a di berekileng mo madirelong a dijo,a re baji bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore o itse go gata diamaleng,mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe mme a itse go apaya.
A re le ntswa le ene a ne a itse gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo.
E re ka setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le ntswa Kutlwano a ne a setse a kgobokantse madi,kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo.
Morago ga kgwedi tse tharo ba ne ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe gore mongwe le mongwe a ikemele a le esi ba gwetlhwa ke letlhoko le legolo la dijo tse di apeilweng mo Tsabong ke kamo Boa gape o neng a tsholwa ngwaga ono o simologa.
Mong wa Boa gape a re mo bogompienong o apaya dijo tsa moso fela,di akaretsa dipapatha,magunya,seswaa,serobe,sopo(soup) le ditlhatlheo,mme dijo tse di rekiwa ke babereki ba maphata a a farologaneng mo Tsabong,ebile bokgala ga se kgwetlo mo bareking ba gagwe fa ba gopotse monatenyana wa dijo tse ba a goroga.
Ka mogologolo a rile ina lebe seromo,bareki ba boa seboaboane kwa kgwebong ya Boa gape jaaka leina la teng le bua.Se se kailwe ke mong wa kgwebo e,fa a tlhalosa fa ba ba rekang mo kgwebong ya gagwe ba boela teng ebile ba itse fa kwa boa gape ele legae la bone le thebephatswa.
Go ya ka Kutlwano palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo eleng gore bontsi jwa naka o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe,mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse(book) dijo nako e sale teng ka mogala.
Seemo sa Boa gape se itumedisa mong wa sone,a re se supa tsholofetso ya gore dipoelo e tla nna tse di mo rumarumisang.
“Gake gelele madi ka diemere,mme fela theko le dipoelo tse ke di bonang fa e sale ke simolola kgwebo e,di mpha tsholofelo ya gore ke tla ikgona,jaaka basadi ba dijarata tse dingwe ke tla rua le ene monna ka ba malatsing ano ba okwa ke basadi ba ba ipelelgeng,Dipheko a bua a tshega.
Fa a botswa gore ke eng se se okelang bareki kwa Boa gape,Dipheko o tlhalositse fa a ntsha ga tshwene fa a apaya,a re o tswakanya dijo ka mokgwa o tla natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng.
A re se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe,ebile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe.
Tumelo mo Modimong le thapelo ke dingwe tsa tse di tlisetsang Dipheko phunyeletso mo Kgwebong ya gagwe.
Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa bodiphatsa jwa dijo le tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo.
Mme Dipheko a re sekale sa selekanyo sa dijo o se tsamaisa go tshwana le madi a re se se kgotsofatsa bareki ba gagwe ebile ke sone se ba sa fuleleng gope ntleng le kwa Boa Gape.
Mme Dipheko a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a monate ke ka gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diamaleng go sale phakela le ise le tlhabe.
“Thubisi mma ga e bonwe bonwe fela ,e bonwa ke motsogapele.Ke motsogapele ebile se se nthusa gore ke nne boikanyego mo bareking ke sone se ba sa mphetogeleng,ke ka mo nna ke bonang theko e ba bangwe ba se boneng,Dipheko a tlhalosa.
Fa a boka kgwebo ya gagwe ,Dipheko o supile fa e mo tlodisitse melatswana.
Ka Motswana a rile kgakakgolo gakena mebala,mebala e bonelwa dikgakaneng,go ntse fela jalo ka Kutlwano,bontle jwa mofufutso wa phatla ya gagwe bo bonelwa mo baneng ba gagwe ba basetsana ba babedi.
A re o dirisa dipoelo tsa kgwebo go ba tsenya sekole le go ba kgabisa a kaya fa bone ele sesupo sa bokgarebe le bonatla jwa gagwe.
Ntleng le tse,mong wa Boa gape a re,ka madi a a mmoelang mo kgwebong o kgonne go ithekela dilwana tsa ntlo gape bontlha bongwe wa bo boloka,fa madi a mangwe a dirisetsa tse di tlhokafalang go tsamaisa kgwebo di akaretsa rente,gase le dijo.
Le fa kgwebo ya Boa gape e tsabakela ,mong wa yone a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe kgwebo ya gagwe e lebaganwe ke dikgwetlo.
O ne a lela ka boturu jwa gase le koketsego ya ditlhwatlhwa tsa dijo a re ke dingwe tsa tse di ngotlang dipoelo.
Dipheko o ne a tshwenyega gape ka go tlhokega ga merogo mo Tsabong a kaya gore fa ele teng e abo e swabile mme se se mo kgoreletse go apaya dijo tse di kgatlisang bogolo jang sopo ka yone e tlhoka go kgaba ka merogo.
Se sengwe se se tlhokisang mogwebi yo boroko ke bareki ba ba ratang go itlhomodisa pelo ba kolota dijo mme e re fa ba sena go bona madi ba tsene ka nga la seloko,a kaya fa se se busetsa kgwebo morago fela thata.
Le fa gontse jalo a re bareki ba ba mo tlhalefisitse gore amaruri bopelonomi bo bolaile mmamasilanoka,ka jalo o kgwele lethe a itshwara khubu a ikana gore a ka se tlhole a kolotisa go hema ditatlhegelo.
Mogwebi yo o nale tebelopele le keletso ya gore dipoelo tsa kgwebo ya gagwe a di dirise mo go mo fang motlhala o o bonalang,ke ka mo a sa jeleng madi a dipoelo mo ganong mme a boloka bontlha bongwe ka o lora go nna le kgwebo ya dijo e e nang le leina jaaka KFC.
Godimo ga moo o eletsa go ikagela madirelo a gagwe.
Mong wa Boa gape o ne aa gakolola go tsoga nako e sale teng a ba tlhagisa fa go tsoga tadi e amusa go ka ba tlodisa ditshono.
O ne a tswelela a itsise banana fa metlhale ya khumo e le mentsi e tlhoka balatedi,mme gape a ba tsibosa go tshwaragana ba ema kgatlhanong le mathata a letlhoko la ditiro le lehuma a a tlhasetseng lefatshe leno are fifing go tshwaranwa ka dikobo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 19 May 2015






