Mosielele o a kgalema
19 May 2015
Kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele, o kgadile batsadi ba Moshupa go mpampetsa segolo jang fa baithuti ba dirile molato.
Kgosi Mosielele o ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya kgotla a e biditse go lekola morafe le go ba itekodisa ka tse di amang motse wa gagwe.
O boletse fa erile bosheng kgosi le dingwe tsa dikgosana, mapodisi le barutabana ba tsamaya le dikole mme ba bona dilo tsedi hakgamatsang. O boletse fa bana ba dikole ba fitlhetswe ka dithipa tsa okapi, screwdrivers, diphafa le megala ya metlakase e ba e dirisang go rukutlha batho mo motseng.
Kgosi o boletse fa ditiro tsa dintwa, bogotswana bo dirwa ke bana ba motse mme ba lomeletswa ke batsadi ba bone ba ba sa ba tlhokomeleng.
O boletse fa botsadi bongwe bo latotse fa bana ba bone ba ka dira molato ebile ba gana nnyaa wa banyana gore bana ba bone ba ka otlhaiwa ko kgotleng. O kopile dikgosana go bereka le ene go lwantsha borukutlhi. O ba kopile go ngoka morafe go tla dipitsong tsa gagwe, a bolela fa ba tshwanetse go ntsha maduo mo tirong.
Mo dikgannye tse dingwe o kopile banni ba ba ising ba nyale go inakanya le lenaneo la ‘’Re nyalana’’, a bolela fa le le botlhokwa mo dikgannye tsa go kgaoganya boswa.
Le fa gontse jalo go ne gape ga nna le nako ya go tshuba dikerese e le go dira segopotso sa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV/AIDS. Kgosi o boletse fa batho ba ntse tsebe se nkutlwe fela ba tsweletse ka go tsenwa ke mogare.
O boletse fa puso e latlhegelwa ke madi a mantsi a ditlhabololo, o boletse fa puso e sigile tema ya yone mme Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go iphapha.
Mogokaganyi wa HIV/AIDS Mme Khumo Baakile o kopile marara ba motse le morafe ka kakaretso go ba fa kemonokeng ele mekgatlho ya boithaopo. O o rile ba ba amegileng ba seka kgethololwa. O boletse fa puso e tshwere bothata go tlhokomela dipalopalo tsa ba ba lwalang.
Mongwe wa baithaopi wa mokgatlho wa Baikamogedi, Mme Mmapula Tlharesagae o kopile kemo nokeng ya dikereke le dikgosi go thusa ka madi go rotloetsa mokgatlho wa bone. o thusa go sidila maikutlo le go tlhokomela ba ba gateletsweng.
Mme Tlharesagae o boletse fa ba na le dikgwetlho tsa gore batho ga ba nwe dipilisi tsa mogare sentle, o boletse fa ba di emisa mo tseleng mme ba felela ba tlhokafetse ka bonako. O boletse fa bangwe ba ba imileng ba sa ikwadise gore bana ba bone ba sireletswe ba santse ba le mo sebopelong.
O boletse fa ba tlhoka madi a dithuso, a re mokgatlho wa bone o simolotse ka 2005. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2015






