Spiritual Healing e simolodisa kago
19 May 2015
Bontsi jwa diphuthego tsa kereke ya Spiritual Healing lefatshe ka bophara di simolotse go rapelela mo loobong pele fa go agiwa dikago tsa teng.
Mafoko ao a builwe ke mookamedi wa kereke eo Bishop Gotlaadirwang Motswasele kwa tshimolodisong ya kereke ya Spiritual Healing kwa Phaphane mo Mochudi ka tsatsi la Tshipi.
Bishop Motswasele a re gore kereke e agiwe, balatedi ba yone ba tshwanetse go bereka ba le seopo sengwe ebile ba dirisa dikitso tsa bone tse ba di filweng ke modimo ka go farologana.
O boletse fa go itirela e le selo se se botlhokwa fela thata mme o ne a gwetlha ba kereke eo ya Phaphane go ema ka dinao go bereka ba le seopo sengwe gore ba fitlhelele maikaelelo a bone a go aga kereke.
O tsweletse a supa fa dikgogakgogano mo dikerekeng di sa ise gope mme o ne a ba rotloetsa go aga kereke ya bone ka tidimalo go sena makgwere ape a ba fa sekai ka Solomon mo baebeleng gore o agile ntlo ya gagwe ka tidimalo go sena dikgogakgogano.
Le fa go ntse jalo Mookamedi o ne a ba tshepisa fa le bone kwa diphuthegong tse bone ba tla ba ema nokeng mme o ne a rotloetsa ba dikereke tse dingwe tse di ne di laleditswe go ba thusa fa ba ka kgonang teng.
Fa a tswa la gagwe Moefagedi Solomon Ruele go tswa mo phuthegong eo ya Phaphane o ne a supa fa maikaelelo a bone ke go aga kereke a tlhalosa fa ba lemogile gore e ba ntse ba tsenela mo go yone ga e sa tlhole e ba lekana.
A re ba bone go le botlhokwa go laletsa mookamedi wa bone le ba diphuthego ka go farologana gore ba simolodise tiro eo mme ebile e seka ya nna sephiri a tlhalosa fa go direla dilo mo pontsheng go ya go ba thusa gore ba kgone go kopa dithuso.
E ne ya re go le pele fa a amogela baeng Bishop wa phuthego ya kereke eo mo kgaolong ya Kgatleng bishop Segailele Bokole o ne a leboga mookamedi go bo a amogetse kopo ya bone ya go tla go simolodisa kereke eo semmuso.
O ne gape a leboga le baruti ba dikereke ka go farologana ba ba neng bat sile ko tirong eo.
Bangwe ba ba lalediwa ba tlotla e ne e le Kgosi Segale Linchwe le makhanselara mangwe a kgaolo ya Kgatleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Pulo ya kago ya kereke
Date : 19 May 2015






