Botlhe batla a akola lenaneo
18 May 2015
Mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Philip Makgalemele, a re baikopedi botlhe ba mananeo a nyeletso lehuma ba ba iseng ba bone dithuso ba tsile go di bona mo bogaufing.
Rre Makgalemele o tlhalositse se, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng, mme a tlhalosa fa botlhe baikopedi ba tsile go akola lenaneo le.
O ne a tlhalosa gore dipalo di supa fa baikopedi ba le bantsi ba ise ba kgone go bona dithuso tse ntswa puso e ba solofeditse go ba thusa go nyeletsa lehuma.
A re motho fa a aparetswe ke lehuma o tshwana le molwetsi a gateletswe ke bolwetsi ka jalo puso e ikaelela go tsibogela se, mme a tlatsa ka gore bangwe ba bone ba tsile go tshwanelwa ke go fetogela mananeno a ba neng ba a kopile go le pele.
O ne a tlhalosa gape gore mangwe mananeo a diilwe ke gobo ditswempelo tse diba neng ba dikopile di sa ntse di tlhaela mme ka jalo puso e tsile go kopa gore a b aka seke ba dire a amngwe mananeo go fokotsa dipalo tsa b aba iseng ba thusiwe.
Rre Makgalemele a re puso e nale maikaleleo a gore e tlaa re ngwaga wa 2017 e bo e setse e kgonne go nyeltse lehuma la nta ya tlhogo le ele aparetseng Batswana ka bontsi, ke ka moo e nang le mananeo a ka nna masome a mane le botlhano go leka go thusa bao b aba aparetsweng ke lehuma.
O ne a kopa banni ba Shoshong go thusana le puso go kgona go fitlhelela maikaelelo a, a tlatsa ka gore puso e ka kgona fela fa tshwaragane le batho.
Fa a tsweletse a bua ka nyeletso lehuma, mothusa tona o ne a kopa batsadi go totloetsa bana ba bone go tsaya thuto ka tlhwaafalo a re thuto eke konokono mm eke ka yone Batswana ga mmogo le puso I ka fennyang nyeletso lehuma.
A re ka thuto ban aba ka kgona go tla ba ntsha batsadi ba bone mo lehumeng la nta ya tlhogo ka jalo ba tshwanetse go e tsaya tsia.
Mo go tse dingwe, Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni gore poso ya motse wa bone e tsile go atoloswa kgotsa ya godisiwa mme go mo maruding a banni go bona gore e nna fa kae ka lefelo le e mo go lone le le lennye.
A re fa ele gore ba akanya gore e nne fa e ntseng ele baagi botlhe b aba gaufi le yone ba tsile go atswiwa ka fa go tshwanetseng gore ba sutele tlhabologo eo ya poso.
Fa a akgela mo mafokong a Kgosi Sejamorago Ntsaga a gore ditsela tse di ralalang motse wa bone di senyegile le gore motse o tletse ka dikgwa, Rre Makgalemele o ne a kopa banni go ema ka diano mme le bone ban ne ele seabe mo go tlhabololeng motse wa bone.
A re kgang ya gore motse wa Shsohsong o dikaganyeditswe ke dikgwa ke kgwetlho ya banni le bone go bona gore ba ema ka dinao go bona gore le bonna ba nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone.
A re puso e nale dikgwetlho tse dintsi mme boikarabelo jay one bo oketsegile jaanong e sebaka sa gore banni ba busetse mowa wa go itirela le go ipelega.
A re bogologolo metse ene e tlhabololwa ke mowa wa boipelego yo mo bo gompienong o tsamaileng mme ka jalo a kopa banni go ema ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe.
Fa a bua ka dikgang tse dingwe tsa motse wa bone, Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni gore go na le thulaganyo e go nang le komiti mo motsengw a bone e ka yone e dirang dithulaganyo tsa go bapatsa motse wa bone gore bagwebi le bo rradikgwebo ba o kgatlhegele.
A re komiti e, e dira ka gotlhe go bona gore motse wa bone wa tlhabologa ka go ngokela bagwebi go tla go tlama ditiro le go tlhabolola motse wa bone.
Ka jalo o ne a kopa banni go ema komiti e nokeng go bona gore e kgona tiro ya bone ka go supa kgatlhego le go tsenya letsogo fa go tlhokafalang.
Rre Makgalemele o ne gape a gakolola banni go ema ka dinao go busetsa dikoporase mo tirisong, a ka ya fa dikileng tsa bo di le mosola fela thata.
O ne a kopa banni go ipopa ditlhopha go di simolodisa ka di ka fetola matshelo a bone.
A re koporasi e siame ka yone e dira tiro nngwe le ngwe mme ka jalo b aka kgona le gone go tlhabolola motse wa bone k aba ka oketsa ditirelo kgotsa dikgwebo tsa motse wabone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 May 2015






