Breaking News

Kgosi Monamodi o bolokilwe

18 May 2015

Matshwititshwiti a batho ba ne ba tshologetse phitlho ya kgosi ya pele ya motse wa Shoshong, Kgosi Monamodi Monamodi, ka mafelo a beke kwa Shoshong.

Dibui ka bontsi di kaile fa Kgosi Monamodi ene ele senatla, a rata gape a tlotla batho , a le lobole gape ele motho yo o neng a rata ngwao ya ga bone thata.

Ba ka ile fa Kgosi Monamodi ene ele moeteledipele wa mophato wa Mahetsakgang, leloko la komiti ya ditlhabololo le Shoshong Development Trust, mokhanselara wa motse wa Shoshong ka ngwaga wa 1974-1976 gape ele mogakolodi wa tsa bogosi le ngwao.

Go ya kaba lelwapa la gagwe le ditsala tsa gagwe, Kgosi Monamodi e ne ele motho yoo botlhale e bile a le tlhaga mo go se a neng a nale lorato mo go sone.
Rre Emmanuel Ontumetse o kaile fa Kgosi Monamodi e ne ele motho yo o godileng ele ngwana yo o utlwang mo lapeng, batsena sekole mmogo mme e bile a le dinyao.

"E ne ele motho yo o o dinyao fela thata , re ne re bitsana bo ‘Mentioned le Certain Individual’ go tlhalosa basadi ba rona ba re ileng ya re go goleng ga rona ra ba nyala,’ga tlhalosa Rre Ontumentse.

Rre Ontumetse a re gape ene ele motho yo o botho, a supa gore motho o tshwanetse go tlotla ba bangwe a tlotla batho botlhe ba a berekang le bone kgotsa a tshela le bone.
O tlhalositse fa go ne go se motlhofo go ka fetola Kgosi Monamodi motlhofo mo go se a dumelang mo go sone, e bile ele motho yo o neng a rata thuto thata.

Fa a tswa la gagwe, moemele bogosi jwa Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a re o berekile le Kgosi Monamodi ka lobaka go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi, a kaya fa e ne ele motho yo o tlhaga.

Kgosi Kgamane a re ene ele motho yo o neng a na le botho le boineelo mo tirong e a neng a e dira, a tlatsa ka gore bogosi jwa ga Mmangwato bo latlhegetswe ke setlhare se se neng se tiile ka a ne a na le bogakolodi fela jo bo tsepameng.

O tlhalositse fa a ne a nale maikemisetso a matona mme e bile mo ditirong tsa Bogosi setshaba se latlhegetswe, ka fa a ne a tshwere tiro ne a dira k abo tswa pelo le ka bopelo telele.
A re Kgosi Monamodi gape ene ele motsad wa gagwe ka e bile a ne a le mo lekokong le le neng la ya go mmatlela mosadi nako ya fa a nyala.

Kgosi Kgamane a re, o ne itse tsamaiso ya bogosi fela thata ka ke ka moo e rileng ka 1988 ya nna ene yo o neng a etelela motse wa Shoshong, a bona gore o tsena mo mererong yotlhe ya bogosi jwa ga Mmangwato le bogosi fela jotlhe jwa lefatshe leno.

A re o ne a nna mo lekokong le le neng la ya go baya Kgosi Tawana kwa Maun le Kgosi Kgafela kwa Mochudi, ka a ne a na itse fela thata dikgang tsa bogosi le gore di tsamaya jang.

O ne a tlhalosa gore o ne gape a eteletse morafe wa Shoshong fa go kgobokanngwa madi a sefikantswe sa tautona wa pele wa lefatshe leno, gore morafe wa Shoshong le one o nne le seabe.

Kgosi Kgamane a re e rile le go tlogela tiro ka 1996 a nna a tswelela ka go nna motsadi, a gakolola fa go tshwanetseng a ntse a berekela morafe wa gagwe. Mopalamente wa Shoshong Rre Philip Makgalemele o ne a tlhalosa fa Kgosi Monamodi ene ele moeteledipele wa popota mme ba ithutile go le go ntsi mo go ene.

Rre Makgalemele a re Kgosi Monamodi o tshidile botshelo jo bo tletseng, ele motsadi, kgosi, moeteledipele wa tlhwatlhwa yo batho ba ka ithutang go le go ntsi fela mo go ene.

A re e ne ele moemedi wa tlhwatlhwa ka ane a sa oshaosha mme a tsentse gole gontsi mo ditsong tsa bogosi mo lefatsheng leno gammogo le ditlhabololo tsa motse wa Shoshong.

O ne a kopa morafe wa Shoshong gore e re le ntswa o latlhegetswe go tswelela o tshegetsa dithuto tshotlhe tse Kgosi Monamodi a di ba rutileng, a tlatsa ka gore go ya ka ene Kgosi Monamodi o tshwanelwa ke tlotla fela e kgolo ka a diretse lefatshe leno ka bo tswapelo le peloetelele mme a tshwanelwa ke tlotla ya ga Tautona.

Mopalamente wa pele wa Shoshong Rre Duke Lefhoko le ene o ne a kaya Kgosi Monamodi fa le ene ele motsadi yo o nang le dikgakololo fela tse di tsepameng mme e bile a rata thata puo le ngwao ya Setswana.

Rre Lefhoko a re Kgosi Monamodi e ene ele motho yo gape a neng a tlotla mongwe le mongwe, a ele tlhoko mafoko a gagwe ka nako tshotlhe gore ka gongwe a se kgopise ope.

A re Kgosi Monamodi fa go tla ka fa puong ya Setswana gone o ne a sa oshaosha mme e bile a batla e buiwa sentle, ka jalo a sa rate fa batho ba e senya ka a ne a dumela gore puo ke yone konokono ya ngwao le setso.

Rre Lefhoko a re o ne a dumela gore bana ba tshwanetse go rutiwa puo ya Setswana ka gore fa ba sa itse ga ba kake ba itse ngwao ya bone. Kgosi Monamodi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le masome a a robangbongwe le bobedi, a sena go lwala ka lobaka. O tlogela bana ba le supa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : MAHALAPYE

Event : Phitlho

Date : 18 May 2015