Breaking News

Bo mmamathwane ba inisa badirela puso kaje

18 May 2015

Go bolelwa fa go tlhorontshiwa ga badirela puso ke bo mmamanthwane go bakile go tswalwa ga diofisi dingwe tsa puso tsa kgaolo potlana ya Okavango. 

Kokelwana ya Eretsha e sale e tswalwa ngwaga e e fetileng ka ntata ya bo mmamanthwane ba ba gobeyang mo go yone.

Kgosi wa  Eretsha, Rre Boitshwarelo Mosinyegi, o gwetlhile puso go potlakela go baakanya seemo seo ka se ba baya kafa mosing mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke molaodi Rre Thabang Dikatholo le lekoko la gagwe go isa ditlamelo kwa bathong.

“Se se bakile gore mooki le ene a name a isitswe go sele ka go sena fa a ka berekelang teng, seemo se se pateletsang morafe go latela ditlamelo kwa metseng ya Beetsha le Gunotsoga,’’ o gateletse jalo. 

Kgosi Mosinyegi a re ba sa le ba solofeditswe paakanyo ya kokelwana eo mme nako kgolo ke eno.

Kwa motsaneng wa Gudigwa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re bo Mmamanthwane ba tlhorontsha bana le barutabana ka ba tletse gongwe le gongwe kwa matlong a borutelo, matlo a boroko a barutabana le mo diofising tota, ntswa go sa siamela botsogo.

Kwa Gunotsoga le gone go bolwetse fa e le selo modiro leswe le moroko wa bo Mmamanthwane di fekeetsa bodiredi mo diofising tsa puso. Banni ba Gunotsoga ba bile ba ngongoregela go bo mooki wa bone a sale a ile kwa ga bone ka ntata ya bokoa, ka jalo ba sa bone ditlamelo tsa kalafi mme ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe.

Kgosi Mosinyegi gape o kopile puso go potlakela go aga sekolo kwa motsaneng oo go tila gore ba seka ba tlhoka fa ba tla a tlang ba tsenela teng ngwaga e e tlang.

A re mo nakong eno, palo ya bananyana ba le 150 ba tsenela mo dikamoreng di le pedi fela le gone ba di adimilwe ke ba Okavango Community Trust (OCT).

“Re ipotsa gore fa puso e ka seke e re agele sekolo, ngwaga e e tlang bananyana ba tsile go tsenela fa kae ka gore palo e tlaabo e oketsegile,’’o boletse jalo.

Kgosi Mosinyegi o bile a galaletsa badirela puso ba motse wa gagwe ka a re ba lorato ka jalo ba thusa morafe ka lorato le ka tlotlo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Sheka Ndara o ngongoregetse letlhoko la didirisiwa kwa lephateng la merero le ditsamaiso tsa makgotla a Setswana.

O boletse gore mo nakong eno, badiredi ba lephata leo ba tsenya didirisiwa kgotsa dithoto tsa tiro di akaretsa madi mo dikgetsing tse di tlwaelesegileng ka leina la mo Zimbabwe ka ba sena didirisiwa.

O kopile lephata le le tshwanetseng go potlakela go baakanya seemo seo ka se sa siama.

Mo dikgannyeng tse di amang gape lephata la botsogo, banni kwa Gunotsoga ba ngongoregetse go bo e setse ele sebaka sa kgwedi ba sa kgone go bona kalafi fa e sale mooki wa bone a ya ga bone ka ntata ya bokoa, ba bo ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe.

Kwa motsaneng wa Gudigwa, banni ba ngongoregetse go bo borogo jo bo tlodisang batho go ya kwa sekolong bo sa siama ka bo na le mahuti a ka nako tse dingwe bana ba wela mo go one.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re mo nakong eno bana ba le bararo ba setse ba wetse mo mahuting ao mme ka lesego ga gona ope yo o latlhegetsweng ke botshelo ka metsi a ne a kgadile.

E ne ya re a tsibogela dilelo tsa bone, molaodi wa kgaolo, Rre Dikatholo, o ne a bolela fa bothata jwa bo Mmamanthwane bo apere kgaolo ya Okavango ka bophara ebile puso e tshwere go batla tharabololo ka seemo seo.

Mabapi le letlhoko la didirisiwa kwa kgotleng, motshwarelela mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Malebogo Ledimo o boletse fa a tlaa kopa ba kgotla ya Beetsha go ba thusa ka mokwaledi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2015