Ga ba itumelele ditsela
18 May 2015
Banni ba Shoshong ba ngongoregile ka ditsela tse di mo motseng wa bone ba re ga di a siama.
Banni ba supile ngongorego ya bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona mo ofising yaga tautona le bodirela puso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Philip Makgalemele, bosheng.
Ba re ditsela tse di fa gare ga motse di setse di le dikhuti ka go lebaka di sa gopiwe mme e bile pula di diepile. Ba tshweletse ka go supa gore fa dipula dina bana ba dikole ba tshwaragana le bothata jwa go ya dikoleng ka ditsela di abo di tletse metse go sena fa bana ba ka tsamayang teng.
E ne ya re go le pele Kgosi ya motse Kgosi Sejakgomo Ntsaga a lekodisa mopalamente ka tsa motse wa gagwe, a tlhalosa fa ditsela tse e setse ele mesima fela.
Kgosi Ntsaga a re se se botlhoko ke gore jaanong ditsela tse, di ba senyetsa le tsone dikoloi. A re go lebaka ba ntse ba buile ka ditsela tse di ralalang motse wa bone mme le nako eno.
Banni ba ne ba ngongorega gape le ka dikgwa tsedi fa gare ga dikgotlana tsa bone, ba re ga di a ba siamela ka jaana dirukutlhi di kgona go itseela dikobo ka dikgoka le go amoga batho ditsa bone gone mo dikgweng tse.
E rile fa a rola kitsiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, leloko la komiti Mme Mpho Phagenyana a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke badirela puso b aba nnang mo mo matlong a bone mme ba sa duele madi a boroko.
Mme Phagenyana a re ba kolotiwa madi fela a mantsi ke ba direla puso a kabong a thusa mogo tlhabololeng motse wa bone.
O ne a re ere le seemo se ntse jalo, ga ba a ipona tsapa ele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka ba ne ba dira maiteko a go agela motlhoki ntlo mme ba ntsha madi ao mo dipateng tsa bone ka bane ba setse lenaneo la ga tautona labo pelo tlhomogile.
Mo go tse dingwe, Mme Phaenyana o ne a kopa gore puso le bone e ba sekasekele mo dituelong tsa bone ka jaana ba ikaegille thata ka lenaneno la ipelegeng.
Fa a tsibogela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe, Rre Makgalemele one a lebogela banni go bo bane ba lekodisitse modulasetilo wa khasele potlana ya Mahalapye ka bothata joba kopanag le bone ja ditsela.
Mme le fa go ntse jalo o ene a tlhalosa fa bothata ele madi mme one a tlhalosa fa a ne a kopile ba khansele gore baka dirisa ditena go baakanya ditsela mme ba batle mothale o oseng turu go dira ditena tse di ka dirisiwang go baakanya ditsela tseo.
Rre Makgalemele are ba khansele baka dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le ipelegeng go dira ditena tse dika dirisiwang go baakanya ditsela tseo gore go seka ga nna turu thata mme bontsi jwa madi bo dirisiwe kogo direng ditsela.
One a kopa banni gore le bone banne ba ipopa digonwana ka dikgotla tsa bone mme ba fokotse dikgwa tse di mo dikgotleng tsa bone gore ere ba kopa thuso kwa khanseleng le bone babo tsweletse ka go supa maiteko a bone.
Fa a tswa la gagwe go tswa kwa lephateng la ditsela la khansele potlana ya Mahalapye Rre Bafiti Monkatswi a thalosa fa bane ba gopa sekgwa se se fa gare ga motse wa Shoshong le Mosolotshane ka katakata mme se se fagare ga Ikongwe/Shoshong sone se tshwanetswe go dirwa ke ba lephata la le letona la ditsela.
Rre Monkatshwi o ne a tlhaosa fa ditsela tse di mo motseng,ba nale dikatakata tse pedi mme bodiredi ke bone bo boneng ba tlhaela mme bane ba romela bodiredi kwa dikoleng go ya go ithuthuntsha gore bate ba dire tiro eo.
One a solofetsa banni gore ditsela ditla dirwa mono ngwaga, are ba kabo ba simolotse ka kgwedi eno ya Motsheganonge simologa, mme jaanong batla simolola kgwedi ya Seetebosigo ka jaana di tswhwanetswe go gopiwa gape ka kgwedi ya Phalane.
Rre Monkatshwi are ka dikgwa tsedi fa ga re ga motse bat la kop aba ipelegeng gore ba direme bone babo batla ka katakata gotla go digopa,
Are tsela e eyang kwa sekolong se sebotlana sa Shoshong e maswe fela thata ka dikhuti tsa teng di ditona gagona fab aka bayang borogo teng mme mo lenaneong ka dithabololo la NDP11 la kgopo ya metsi batla akaretsa fabaka bayang borogo teng.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya mahalapye Mme Malebogo Ramatu one a rotloetsa ba dikomiti tsa ditlhabololo gore banne ba kwalela kwa offising ya ga molaodi mabapi le badirela puso baba sa dueleng matlo a bone gore batle ba bathuse ba buwe le baeteledipele ba maphata ka badiredi ba bone gore ke eng basa duele boroko.
Mme Ramatu o ne a ba rotloetsa gape gore ba nne ba dira mokwalo wa tumelano le motho gore otla duela jang pele a tsena mo ntlong gore go tle go ba thuse go ba sekisa fa ba palelwa ke go duela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ofentse Lemogang
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 May 2015






