Breaking News

Salang ngwao morago - Puso

18 May 2015

Kgosi wa Batlokwa, Kgosi Puso, o akgoletse badiri ba Sir Seretse Kgama Memorial Junior Secondary School (SSKM JSS), go lemoga fa ngwao eka ba thusa go ruta bana le go ba pepetletsa ba ikegile ka se Motswana a itseng se ka kaela ngwana.

Kgosi Puso o buile se kwa modirong wa go ruta le go rotloetsa ngwao kwa sekoleng sa SSKM, ka setlhogo se se reng Maruping Go a Boelwa, Go sa Boelweng ke Maleng.

Kgosi o tlhalositse fa se se tsamaelana le thomo ya 2008, e Tautona a neng a e fhile Ntlo ya Dikgosi, ya gore go tsamaiwe le lefatshe, go lebelelwe gore go diragalang ka go lebega ekare ngwao ya Botswana ea nyelela, e bile e gomagomediwa ke mekgwa le dingwao tse dingwe, tse di tswang ko ntle. 

O ile a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba bone tiro ya letsatsi leo, ele ya botlhokwa ka e ka ba thusa go tlhalosa gore lefatshe la Botswana le agilwe le agelwa mo merafheng ee farologanyeng.

“Lefatshe le le fa le leng teng ka ntla ya batsadi le boeteledipele jwa rona jwa setso, jo bo godiseditseng Batswana mo ngwaong ya lefatshe la rona. Le fa rele merafhe e mentsi ee farologanyeng, re tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya rona le se re leng sone,” kgosi a tlhalosa jalo. 

O ile a bua a sa kgale mathe, a tlhalosa gore, botho, kagiso, tlotlo, lerato, bonatla, neelano ya Motswana di ikaegile ka ngwao ya rona. 

A tlhalosa jalo gore, thuto e tshwanetse go ikaega ka ngwao, ka e bile bana aba sekole ba tshwanelwa ke go itse gore motho o tshwanetse go tshela jang le ba bangwe.

O galaleditse maiteko a ba lephata la thuto ba mo go diragatseng gore maitlamo a go ruta bana ka ngwao, a tlhalosa fa lephata la thuto ele pilara kana boremelelo jwa go ruta ngwana gore o gola ka tsela ee ntseng jang le ba bangwe.

Kgosi o kgadile mekgwa ya go sotla dingwao tsa merafhe e mengwe, a tlhalosa fa tlotlo ele yone eka re agang rele tshaba ya Botswana, abo gatelela gore re tshwanetse go tlotla dipharologanyo tse re nang le tsone mo dingwaong tsa rona, le go itse diteme tsa merafhe e mengwe, go itsa kgethololo.

O rotloeditse bana go rata le go rotloetsa mmino wa setso, go ipela ka baopedi ba rona, gona le go sala baopedi ba mafatshe a mangwe ka go dira jalo goka godisa mmino le serodumo sa baopedi ba rona.

Kgosi o supile letshwenyego ka boimana jwa banana, kapari ee khutshwane, go tlhoka maitseo mo puong, go golela batsadi, le go sa tlotla barutabana, a kgala abo a tlhalosa fa ditiragalo tseo ele dikai tsa boitaolo e bile mekgwa ya go nna jalo eka faposa bana ba sekole mo dithutong tsa bone. O buile jalo gore baba nyatsang ngwao ya bone ba a itatla. Kgosi Gaborone o kopile batsadi go godisa bana mo ngwaong ya Setswana, le go tshwaragana le barutabana mo go ruteng bana ka maitswaro a a letlelesegang.

“toropo e nyeletsa ngwao, ka jalo a kopa Sekole go tsweledisa moono ka go aga kgotla le mantlo a Setswana, ele maikaelelo a go supegetsa bana gore rele Batswana re tswa kae. Ke rotloetsa batsadi go tsisa didirisiwa tsa ngwao mo sekoleng le go dira ba eteletse barutabana pele” kgosi a tlhalosa.

Fa a amogela baeng, Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Mme Gorata Khumotaka o supile fa sekole sena le baithuti bale makgolo a supa le masome a mane le bosupa le bodiredi bole masome a supa le boferabobedi. 

O supile fa sekole sena le kgatelopele ka se tokafaditse maduo a bone go tswa ko maemong a boferebobedi go yak o maemong a bosupa mo lefatsheng ka bophara. O tlhalositse fa maemo a sa buise ka pelo gole kalo, ka go supagala gona le maiteko a a solofetsang. 

“ga re kake ra ineela mo maikaelelong a go tsaya maemo a ntlha mo lefatsheng ka bophara,” a tlhalosa.

O supile fa dikolo di tshwenngwa ke maitseo a ban aba sekole, jalo tsholofelo ele gore morago ga go ruta bana ka ngwao, go tlaa nna le phetogo ka maitseo le maitsholo a bone. Mo letsatsing le gone go suilwe didirisiwa tsa ngwao, go na le mmino le maboko ka ditlhopha ka go farologana di akaretsa, Dr Vom, Solly Sebotso, Welkom Polka, Moreri Moroka le Ranger – Morena. 

Bana ba sekole, barutabana, batsadi, le barotloetsi bane ba itatswa ka dijo tse di farologaneng tsa Setswana  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : TLOKWENG

Event : Letsatsi la ngwao

Date : 18 May 2015