Breaking News

Go iketse seemo sa botsogo go a thusa

18 May 2015

Mogolwane wa  Independent Counceling Advisory Services (ICAS), Dr Onnalethata Johnson, o gakolotse banni ba Mopipi ga mmogo le bareki ba moepo wa Karowe go fetola kafa bantseng ba tshela ka teng, mme ba itlhatlhobele malwetseng aa bakiwa ke kafa motho a tshelang ka teng.

Dr Johnson o buile jalo kwa moletlong wa botsogo kwa Mopipi o o neng o rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ka Matlhatso.

A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ja botshelo jwa gagwe, a dira jalo ka go itlhatlhobela malwetsi a a sa alafesegeng jaaka bolwetse jwa sukiri,madi a matona le a mangwe .

Dr Johnson a re go botlhokwa gore motho a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore a tle a fiwe kalafi go santse gona le nako, le go sale ditaelo tsa ba botsogo morago,atlatsa ka gore ga se gore motho fa a tsenwa ke malwetse a o tlhokafala gone foo ,a re o kgona go tshela lebaka fa o ja dijo tse di siametseng botsogo jwa gago, e bile o tsaya kalafi ya gago sentle, itshidila mmele.

O ne gape a re gotshwanetswe ga itebagangwa le botsogo kakaretso e seng jwa mmele fela ,botsogo jwa maikutlo,tiriso ya madi, gonwa bojalo mo go feteletseng, go goga motsoko le tsone di ka baya motho mo diphatseng tsa go tsenwa ke maletse a .

Dr Johnson a re motho o tshwanetse a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore fa a sena malwetse ape ,a dire tse di tlhokafang go a thipela ,a tlatsa ka gore thibelo e a kgonagala,ka go tshidilo mmelo ,go ja maungo le merogo le dijo tse di nang le moroko o montsi.

A re lefatshe leno lene la itebaganya thata le mogare le bolwetse HIV/AIDS go bo go lebalwa ka malwetse a mangwe, a bo a re ratela, atlatsa ka gore fa malwetse a a simolola goanama Batswana ba ne bare ke a mafatshe a a tlhabologileng ,le batho ba ba humileng le bagodi, kante o ne a ama mongwe le mongwe go ya kafa a tshelang ka teng.

Dr Johnson a re tlhabologo ke yone e bakileng gore Batswana ba bo basa tlhole ba ja sentle jaaka bogologolo go jewa dijo tsa Setswana,bane ba dumela gore dijo tsa sekgoa di botoka gona le tsa Setswana ,go tsamaiwa ka dikoloi batho basa tlhole ba tsamaya ka dinao jaaka pele.

O tsweletse a re re ka tibela malwetse a ka go fokotsa mmele ,mafura, sukiri le letswai , go ja dijo tse di bidisitsweng ka metsi, go fokotsa selekanyo sa bojalwa se batho ba se tsayang ka letsatsi.

Mogolwane wa moepo wa Karowe Rre Ewetse Mathaba o ne a tlhalosa fa ba itlamile goisa botsogo kwa setshabeng sa Boteti ka go dira meletlo ya botsogo go isa thuto tsa botso kwa metseng ka gofarologana ba dira jalo ngwaga le ngwaga ,le go nnetefatsa gore babereki ba bone ba itekanetse gore batle ba kgone gontsha maduo mo tirong.

Rre Mathaba a re ba dira se ka goba ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone,a tlatsa ka gore boitekanelo boisa ko botsogong jo bo siameng, ka jalo ba rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one .Le go ba rotloetsa go ja dijo tse disiameng ka e bile ele bone ba lemang dijo tsa Setswana.

E rile a fa malebo mokhanselara wa Mopipi Rre Matshwenyego Shaka a akgola ba Moepo wa Karowe go bo ba tla kgapetsakgapetsa mo motseng wa bone ba tsisa dithuto kana dikgakololo tsa botsogo .A re batla sala ba itshidila mmele le go leka go ja sentle.

Rre Shaka o ne a kgothatsa banwi ba bojalo go fokotsa dinwo , go tlhogela go goga motsoko ,ga mmogo le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one. O bile a kopa ba moepo wa Karowe le kompone ya Minopex go ba rekela koloi ya kokelano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa botsogo

Date : 18 May 2015