Breaking News

Batswana ba rotloediwa go ithuta diteme

18 May 2015

Batho ba letso la China ba patilwe ke ba lekanala le le itebagantseng le dithuto tsa mananeo a mafatshe mangwe ka go farologana la Confucius Institute kwa University ya Botswana (CIUB), ba ne ba le mo leetong la go tsamaya ba amogana ngwao ya lefatshe la China le ya merafe ya dikgaolo tsa lefatshe leno ka go farologana.

Kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, letsatsi leo la kamogano dingwao le ne le tshwaretswe kwa sekolong sa Batanani JSS kwa Mapoka bosheng, kwa bangwe le bangwe ba neng ba supa ngwao ya bone.

Fa a bua kwa letsatsing leo, mookamedi wa Confucius Institute, Professor Themba Mgadla o ne a re go botlhokwa thata gore batho ba nne le kgatlhego le gone go thuta diteme ga mmogo le go itse dingwao tsa mafatshe a mangwe.

Professor Mgadla a re bone e le ba lekanana la CIUB ba na le tumelo ya gore batho lefatshe ka bophara ba ka tlhaloganyana fela ka go itse teme ya ba bangwe, a tlatsa ka gore e re ka jaana Batswana bangwe ba etela lefatshe la China ka mabaka a a farologaneng , go balelwa le gone go ya go reka dithoto dingwe teng, ka jalo go itse teme ya koo go tla bo go sa tlhole go tlhokana le motoloki.

A re fela jaaka go na le beng gae ba ba rutang thuto ya sekgowa mo dikolong, go botlhokwa gore go nne le ba ba rutang diteme tsa mafatshe a mangwe jaaka sechina, a re go dira jalo go ka thusa gore bana bangwe ba lefatshe leno ba thapiwe ke makalana mangwe a tshwana dibanka go nna batoloki.

Mogokgo wa Sekolo sa Batanani Mme Lebopo Kebonye o ne a re ere ka jaana ngwao e le yone e supang bokao jwa motho le motse ga mmogo le lefatshe la gagwe tota, go botlhokwa gore batho ba tshegetse dingwao tsa bone.

A re thulaganyo ya go amogana dingwao ke nngwe ya dilo tsa botlhokwa ka e thusa bana go tlhaloganya le go itse fa ba tshwanetse go amogela dingwao tsa mafatshe a mangwe. 

Le fa go ntse jalo, Mme Kebonye o ne a lekodisa lekoko leo ka fa sekolo sa bone se tsweletseng ka teng mo dithutong le ka dikgwetlho tse di ba lebaneng, a re le fa gone ba lebanwe ke dikgwetlho tseo ka go farologana, fela ba tsweletse ka go dira sentle mo dithutong ka jaana ba dumela mo moweng wa go bereka ba le seopo sengwe.

Go ntse go le foo, batho ba letso la China ba nne ba nna le sebaka sa go diragatsa mebino ka go farologana e e supang ngwao ya lefatshe la bone le go supa setshwantsho sa motshikinyego se se supang popego ya lefatshe leo.

Ba Setlhopha sa mmino wa setso ba Batanani JSS, le bone fela jalo ba ne ba seka ba ipona tsapa go supa ngwao ka mmino yo o tlwaelesegileng mo kgaolong eno wa hosana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Loeto la go amogana ngwao

Date : 18 May 2015