Breaking News

Go anapa mo dikotsing go ka koba bagwebi

17 May 2015

Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa gore batho ba itlhaganelele go anapa dithoto mo diterakeng tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ya Trans Kalahari.

O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe kwa Sese le Jwaneng bosheng, tse maikaelelo a tsone e neng ele go tsibosa banni ba mafelo a a bapileng le tsela eo ka matshwenyego a.

A re go tsaya dithoto mo dikoloing tse di mo kotsing ke molato o b aka o sekelang, mme mo godimo ga moo go ka nna le matshosetsi a go senya dipapadisanyo tse lefatshe la Botswana le nang natso le mafatshe a kgaolo ya SADC le a mangwe a a dirisang tsela eo.

Rre Oodira-Kwenje are ere ka jaana itsholelo ya toropo ya Jwaneng e santse e ikaegile ka diteemane fela, ba bone go tshwanela gore ba dirise tsela eo go tlisa ditlhabololo mo kgaolong ya bone gammogo le go tswakanya itsholelo ya toropo.

A re ere ka jaana diteemane ele ditswammung tse e tlaa reng kgabagare ebe di fedile, go tshwanetse ga nna le methale e mengwe e e ka tshetsang toropo morago ga go tswalwa ga moepo.

A re mo bogompienong ba thulantse ditlhogo ele boeteledipele jwa toropo maikaelelo ele go tlhabolola maemelo a tsone diteraka tse di fetang ka tsela e gore go nne le fa bakgweetsi b aka ikhutsang teng pele ga ba tswelela le mosepele. 

A re madirelo a mofuta o ga ana go dira ditiro fela mme a tlaa boa a tsenyetsa dikgwebo tsa mo gae lemmenyana jaaka bakgweetsi ba diretaka tseo ba tlaa bo ba dirisa ditlamelo tsa bone.

O boletse fa gape lefelo le le sa tswang go agiwa la itloso bodutu le ka nna le seabe se segolo mo go ngokeleng bajanala kwa toropong ya Jwaneng, mme sebe sa Phiri e ka nna fa jaanong banni ba Jwaneng le metse e e mabapi b aka itshenya seriri ka go anapa mo diretakeng.

 A re tshireletsego ya bagwebi le bajanala ba ba kgatlhegelang toropo ya Jwaneng e mo maruding a banni ba Jwaneng le metse e e mabapi jaaka Sese ka gore ke bone b aka akolang meamuso ya dikgwebo tseo go feta ba bangwe.

Rre Oodira-Kwenje are jaaka boroko bo tlhaela kwa toropong ya Jwaneng, batho ba metse e mabapi ba tshwanetse ba ema ka dinao gore le bone ba obe letsogo ka go firisetsa batho matlo. A re mme lemme leo le ka tutuga fela fa b aka ikaga ba itsewe ka leina le serodumo se sentle.

O ba kopile gape gore ba seka ba itshenyeletsa ka gore mo bogompienong kgaolo ya bone ke yone e tlhophilweng go tshegetsa lebelo le legolo la 1000km Desert Race, mme lefatshe ka bophara le ba tlhomile leitlho le le ntshotsho. 

A re gona le go senya ditshono tse di ntseng jaana, ba tshwanetse ba di dirisa go godisa itsholelo ya kgaolo ya bone le go tokafatsa matshelo kwa lwapeng.

Erile a tswa la gagwe, mookamela mapodise a District 14 Senior Superintendent Reuben Mphoeng a tlhalosa fa go itseela dithoto tsa batho mo dikotsing ele molato fela o ba ka o sekelang kwa lekgotleng. 

A re ere ntswa bangwe ba supa gore mapodise le bone ban a le mokgwa wa go anapa dithoto tseo, seo ga se ba fe tetla ya gore le bone ba dire jalo. 

O ba kopile gore ba begele bagolwane ba sepodise ka dikgang tse di fatlhang tseo gore ditlhotlhomiso di dirwe mo mapodiseng ao. 

O tlhalositse fa gape go reka dithoto tse di bapetsweng ka mokgwa oo le gone ele molato mme botlhe ba ba fitlhelwang ka tsone le bone ba tlaa tseelwa dikgato. 

A re ba sepodise ba tlaa latedisa motlhala wa dithoto tseo go fitlhela kwa di feletseng teng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2015