Breaking News

Banni ba Mogapi ba batla kokelwana e e belegisang

17 May 2015

Banni ba Mogapi ba ngongoregela seemo sa kokelwana e e mo motseng wa bone mme ba kopa go agelwa kokelwana e nang le ditlamelo tsa pelegi.

Ba ntshitse maikutlo a bone mo phuthegong ya kgotla e eneng e buisiwa ke mopalemete wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila bosheng.

Banni ba ne ba re go latela ditlamelo kwa  Maokatumo go a ba turela ka go le kgakala bogolo jang fa molwetse a gateletswe thata ke bolwetse.Ba re go nna thata go bona thuso yapotlako ka mabaka a mosuke.

Ba ne ba tswelela batlhalosa gore kokelwana e tlhoka go nna le mokgokolosa le leobo le balwetse ba kgonang go itapolosa ka nako e seemo sa bo sa se sa iketlang jaakadipula le letsatsi.

Morafe o ne wa bolela fa ba santse ba letile phetolo go tswa ko go ba lephata la botsogo go itse gore tiego ke ya eng, ka ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba sale ba roletse ba lephatla la botsogo setsha go aga kokelo mme le jaana seo ga se ise se diragadiwe mo go sa ba jeseng diwelang.

Mongwe wa banni ba motes oo, Rre Tumediso Ali o ne lebogela mogopolo wa gore ditsha tsa dipolase di fokodiwe go tswako go dikhilomethara tse thataro go ya ko go tse tharo a re seo se tla dira gore palo e e nametsang ya batho le bone banne le tshono ya go nna le ditsha tsa dipolase. mme katlologano ya didiba yone ga a dumalane le mogopolo wa yone ka gore go ya go baka kgotlhego ya lefatshe.

Rre Keamogetse Gabatwaele a re khansele ya Palapye ga e basologele molemo ka e saba tlisetse ditirelo tse di maleba e bile o ne a kopa khansele gore pele ga ba neela bo rradikonteraka ditiro ba ba sekaseke ka go nne ga ba duele ba ba thapileng mme seo se ba imedisa botshelo.Fa a latlhela la gagwe Rre Mzwinilaa a re, puso e ntshitse didikadike tsa madi mo mananeong a puso go tlhabolola Batswana jaaka ipelegeng le madi a itshetso a ba-na-le bogole mme seo sedira gore dipalo tsa babereki ba batlhapiwang mo ipelegeng di okediwe le goba okeletsa dituelo.

Mopalamente one a itsise morafe gore kokelo e ba e kopileng e tla agiwa ka lenaneo la ditlhabololo tsa sechaba ya bolesome le motso e e tla simologang ka ngwagawa 2017 e bile go tla nna le koloi e e rwalang balwetse.Rre Mzwinila o ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone le go jesa dikgomo tsa bone Omang gore ba kgone go rekisa kwa matlhabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2015