Breaking News

Selapa o kgothatsa dialogane

17 May 2015

Dialogane tsa bakeresete ba kereke ya Pentacostal Holiness ba le lesome le boherabobedi kwa Serowe ba kgotlhaditswe go ya go direla Modimo ka pelo yotlhe go rerela batho mafoko a a molemo a ga Jesu Keresete.

Moruti wa kereke eo kwa Serowe, Bishop Morategi Selapa, o buile seo fa a tswala thutuntsho ya malatsi a mararo e e neng e tshwaretswe kwa dikagong tsa kerekeng eo.

Bishop Selapa o kgothaditse baithuti bao ka gore fela jaaka Morena Jesu a laetse balatedi ba gagwe le baapostoloi ba ba some le motso fa a tlhatogela kwa legodimong gore ba ye go dira merafhe yotlhe barutwa, ba ba kolobetse mo leineng la Rara le Morwa le Moya o o boitshepo ba ba rute go tlhokomela tse a di ba laoletseng mme o tla bo a na le bone, a re le bone ba ye go dira fela jalo ka Morena a ne a baroma mo boemong ja gagwe.

A re seo se dirafetse go tla go fitlha le mo bakereseteng ba gompieno, a tlhalosa fa baithuti bao ba bonye go tshwanela go dira se Morena Jesu a se laetseng mme e le ka pitso e ba e neilweng. A re go sechaba se se ntsi se se tlhokang go bolokwa mme tlhobo e ntsi barobi ba botana ke seo a ba rapelelang go ya go kopana le bao mmaba satane a ba gapileng go ba isa lefifing mme ba tlhoka tharabololo ka lefoko la Modimo le leina le le kwa godimo ga maina otlhe la ga Morena Jesu Keresete.

Bishop Selapa a re ba ya go bula batho matlho go tswa mo mmusong wa lefifi go sokologela mo leseding go tswa mo thateng ya ga satane go ya Modimong go bona boitswhwarelo jwa dibe ka go dumela mo go One.

A re go batho ba ba iseng ba utlwe lefoko la Modimo, mmaba o ba gapile jaaka go tletse borukutlhi, bana ba sa utlwe batsadi, malapa a sena kagiso mme e le bone ba ka yang go rarabolola dikgang tsa mofuta oo ka go rerela batho mafoko a a molemo.

O ba kgotlhaditse go ya go rwala mokgoro go rapela, go bala baebele, go tshela botshelo jo bo farologanyengle go tsamaya mo ditseleng tse di siameng, a re se se botlhokwa ke go simolola tumelo mo malapeng a gabone.

Dialogane tseo ba ne ba solofetsa fa ba ya go dira tiro go sena poifo epe ka lefoko la Modimo le bolela fa bobedi bo leng teng Morena e le wa boraro. Ba re maikaelelo a bone ke go ya go tsena le mo mafelong a a tlhaetseng kgalalelo ya Modimo ka go tlhoka go utlwa lefoko la botshelo jo bo tletseng letlotlo, a tshwana le kwa dikgaolong dingwe le tse di kwa tengnyana a teng.

Ba lebogetse nako e ba e tsereng mo dithutuntshong tseo ba re Modimo o ba itshenoletse le mo ponelopeleng ya bone mme ba nitlame mo go O direleng go tloga gompieno, ba re ba bulegile matlho mme metsi a botshelo a a builweng ke Morena Jesu le mosadi wa mosamarea ke one a ba yang go a siela sechaba go sokologa e bong lefoko la Modimo.

Monana yo o neng a le mo thutuntshong eo Thapelo Thipe wa kwa Ramotswa, a re mo Modimong ga go sepe se se palang fa o laleditse Moya o o boitshepo, o gakolotse banana mo dikerekeng le ba e seng ba dikereke go iphapa mo tlhakanelong dikobo le go tshola bana pele ga lenyalo, go tswa mo dinotaging go ipabalela, a re ba ka kgona seo ka go ineela ka tumelo mo Modimong. A re mautlwelo botlhoko a Modimo le ditshegofatso di dintsi ke fela ba itlhophela go tshelela Modimo.

Dialogane tseo ba ne ba tswa mo mafelong a a farologanyeng a Serowe, Paje, Molepolole, Gaborone, Ramotswa le Goodhope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgotla

Location : SEROWE

Event : Thutuntsho ya kereke

Date : 17 May 2015