Breaking News

Batlokwa ba farologana ka megopolo

17 May 2015

Batlokwa ba farologana ka megopolo ka molao kakanyetso wa matimela o ba neng ba o bewa pele ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen. 

E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Laboraro kwa Tlokweng, banni ka go farologana ba supa fa gongwe nako e tsile ya gore matimela a hudusediwe kwa lephateng la temo-thuo ka e le bone ba ba nang le botsipa jwa leruo le tlhokomelo ya lone.

E re le ntswa bangwe ba ne ba supa fa ba amogela molao kakanyetso oo le diphetogo tsa one, ba ne ba nna sebete se molangwana ka leruo le go tweng ke matimela ka jaana le na le tshipi e bile mong wa lone o ka bonwa.

Rre Segodi Popo a re lephata la temo thuo ke lone le ka kgonang kgang e ya matimela ka ba na le maina otlhe a barui ba dikgomo e bile go ka nna bofefo go itshwaraganya le bone fa leruo la bone le timetse.

Rre Phuthegong Matsetse e ne a re go hudusiwa ga matimela go a isa kwa lephateng le le ngwe go tshwana fela ka jaana e le maphata a puso otlhe mme a re se se teng ke gore go tokafadiwe ka fa tsamaiso ya matimela e ntseng ka teng.

A re ka jalo o amogela diphetogo tse di tlang ka molao oo le phokotso ya malatsi a go baya matimela mo masakeng a dikhansele.

E rile a iteela kobo moroko Rre Mooketsi Ramatlapeng a re le ene o dumelana le molao kakanyetso oo e bile a supa fa diphetogo tse di tlang ka molao oo a di amogela.

E rile gole pele fa Mothusa tona Rre Van Der Westhuizen a ba baya molao a supa fa molao kakanyetso o fokoditse malatsi a go bega matimela go tswa ko malatsing a masome a mararo (30) go ya ko go alesome le bone (14).

A re gape morago ga malatsi a le matlhano motlhokomedi wa matimela o tshwanetse a a baya tshipi jaaka go laotswe.

Rre Van Der Westhuizen a re phetogo e nngwe gape ke gore ga gona leruo lepe le le tla tlang go tsewa morago ga nako ya 1630hrs ka letsatsi la thekiso ya matimela ao mo letsatsing le le beilweng.

A re pele gone go tsaya dikgwedi tse thataro pele ga mong wa kgomo a ka tla go e tsaya mo lesakeng la matimela.

E re dikgang di eme jalo, mothusa tona o ne a kgotlhatsa a ba a rotloetsa barui go tsaya boikarabelo jwa leruo la bone.

Rre Van Der Westhuizen a re go disa le go tlhokomelo leruo go mo magetleng a bone.

E rile gole pele Kgosi Kgolo ya Batlokwa Kgosi Puso Gaborone a amogela mothusa tona le morafe a supa fa a tshwenyegile ka terata ya molelwane wa Tlokweng le Gaborone e e oleng mme e bile e tlhokana le go baakanngwa.

A re go wa ga yone go letlelela dikgomo go tlolela ko Gaborone mme se baka mathata ka go sa tshwanela go nna jalo.

Kgosi Puso o supile gape gore tsela e e dirilweng le yone ga e na dikganedi tsa dikgomo mme ke ka moo di tlolelang ko Gaborone a re ka jalo o kopa gore ba thusiwa mo dikgannye tseo.

O ne gape a supa fa terata ya molelwane wa lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le yone e senyegile mme tlhokana le go baakanngwa ka dikgomo tsa bone di tlolelwa teng mme bangwe bone ba bone phatlha ya go di utswa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2015