Breaking News

Mokgatlho wa Thebe o tsweletse sentle

17 May 2015

Mokgatlho o o tlhamilweng ke bomme wa peo le kadimo ya madi wa Thebe Savings and Credit Cooperative go bolelwa o tsweletse sentle. 

Se se builwe ke modulasetilo wa mokgatlho oo ebong Mme Ata Sakaio kwa bokopanong jwa bone jwa ngwaga le ngwaga mo Molepolole ka mafelo a beke.

Mme Sakaio are fa e sale mokgatlho oo, o tlhamiwa ka ngwaga wa 2013, ba itemogela kgolo tsatsi le le tsatsi ya maloko.  Are mokgatlho wa Thebe o simolotse ka maloko a le masome matlhano fa o kwadisiwa.  Are mo nakong ya gompieno maloko a bone a setse a le makgolo mabedi le masome a matlhano le borataro (256).

O tsweletse ka gore dingwe tse ba ipelafatsang ka tsone ke gore ba bo ba kgonne go reka setsha se ebileng ba kgonneng go aga ofisi e e lopileng madi a a kana ka P168 000.00 ba thusiwa ke lephata la Gender Affairs.

Le fa gontse jalo, Mme Sakaio are dipalo tsa bomme ke tsone tse dintsi ka e le bone ba simolotseng mokgatlho ka ba ne ba kgwetlhilwe ke lehuma le le ba apareng.

O tlhalositse gape gore go ne go se bonolo fa ba simolola ka dikoporase ka bontsi di ne di wa.  Are selo se ga se aka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba batlisisa se seneng se dira gore dikoporase di we.  Are mo dipatlisisong tsa bone ga bonala fa maloko e le bone ba digang dikoporase.

Go lemoga selo se, are ba ne ba ikitaya sehuba gore bone ba tla tswelela.  Are ba ne ba netefatsa gore ba kopana ga bedi mo kgweding.  O tlhalositse gore ba ikaeletse go nyeletsa letshogo la gore Batswana ba tlhoboge dikoporase mme ka one mabaka a, ba batla go busetsa tshepho mo setshabeng gore ba ka ipelega ka dikoporase.

Mme Sakaio o kaile fa banana ba le maoto a tshupa go inaakanya le mokgatlho oo ntswa o ne o ka ba tswa thuso.

“Re batla go tshwana le mafatshe a mangwe a itsholelo ya one e tshegeditsweng ke dikoporase.” Ga bua jalo Mme Sakaio.

E rile a bua Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan o akgotse maloko a Thebe go bo ba kgonne go ipopa ka e se selo se se motlhofo. O buile gape a akgola boeteledipele jwa mokgatlho oo ka are ba supile fa ba na le bokgoni ebile gape ba nonofetse ketelelo pele. Le fa go ntse jalo, mopalamente are ofisi ya gagwe e tla ema mokgatlho oo nokeng ka dithuso dipe fela tse ba ka dikgonang.

Mogolwane ko lephateng la dikoporase mme Kenaope Zilawe are koporase ya Thebe e ka tswelela ka maloko a teng a le tlhaga e bile ba le boineelo mo go se ba se dirang.  Are bontsi jwa dikoporase di digwa ke maloko a ga ntsi a sa supeng boineelo.

Are le fa ntswa koporase eo e sa dira dipoelo mo ngwageng wa bone wa madi wa 2013-2014, seo ga se tshwenye thata ka are gantsi fa kgwebo e simologa ga se ga ntsi e dira dipoelo. 

Mokgatlho wa Thebe SACCOS ke lekalana la tshomarelo le kadimo ya madi le le kwadisitsweng ka fa molaong ka fat lase ga melawana ya dikoporase.  Le tlhamilwe ke bomme ba dikgwebo tse dipotlana go itshetsa.  Thebe e rotloetsa peo, kadimo ya madi le thao ya diabe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE­

Event : Bokopano jwa koporase

Date : 17 May 2015