Kereke e thusa go aga matshelo
17 May 2015
Batswana ba gwetlhilwe go inaakanya le go tsena kereke ka go dira jalo go ka ba thusa go fema diemo tse di sa eletsegeng mme ba nne le sebaka se se ntsi go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Moruti Kitso Bome wa kereke ya The Well of Life Church of God o boletse fa go tsena kereke le go tsosolosiwa ga botshelo jwa semoya go ka thusa thata go aga tshaba ya Botswana.
Moruti Bome o tlhalositse fa kereke e itshupile fa e nale bokgoni le nonofo ya go aga malwapa a a reketlang,go ntsha batho mo go direng ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka borukutlhi le boaka.
“Kereke e nale seable mo go gololeng batho go tswa mo go direng bosula.Kereke e kgatlhanong le kgokgontsho,tlhalo le gone go dirisiwa ga diritibatsi le nnotagi tota.E thusa le go gakolola batho go tswa ka methale e efarologanyeng ya go itshetsa,” a tlhalosa.
O tsweletse ka go tlhalosa fa kereke e rotloetsa thata mananeo a puso,a re e rotloetsa badumedi go tsaya mananeo a puso gore ba itirele ditiro tse di ka ba tokafaletsang matshelo, go ba tlhabolola, le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko.
O boletse gape gore kereke e rotloetsa mowa wa kutlwano,kagiso le thokgamo tse di tsalwang ke poifo Modimo e bangwe ba sa e tseyeng tsia.
Moruti o tsweletse ka go gatelela fa gape kereke e nale seabe se sentsi mo go lwantsheng lehuma, a re se se rurifadiwa ke ditiro tsa bopelotlhomogi tse dikereke ka go farologana di inaakantseng le tsone lefatshe ka bophara.
O boletse gape fa kereke e naya mewa e e huduegileng ebile e itlhobogile tsholofelo, ka go fa ba ba amegileng dikgakololo le thotloetso ebile gape e ba thuse go aga matshelo a bone sesha le go itsetsepela mo botshelong, ba sa tshikinngwe ke seemo sengwe le sengwe se ba kopanang le sone.
Moruti Bome o boletse fa go utlwisa botlhoko go bona batho bangwe ba santse ba sa dumele gore kereke e botlhokwa, a re go ngomola pelo go bona batho ba nyelela,matshelo a bone a tlhakatlhakana mme kereke e nale tharabololo le dikarabo tsa matlhoki a bone.
O boletse fa a tshwenngwa thata ke dikgang tse di ileng magoletsa tsa go thubega ga malwapa le ditlhalano.
O rotloeditse banyalani go seke ba ipona tsapa go ya go kopa thuso ko kerekeng fa ba nale tlhokakutlwisisano,a re lenyaalo ke mpho ya Modimo mme e tlhoka go somarelwa.
O gakolotse gore banyalani ba tlotlane, a bolela fa kgolagano ya lenyalo e tlhokana le lorato lwa boammaaruri,bopelotelele, therisano le boineelo.
Moruti o gakolotse bao ba ba mo lenaneong la go nyalana go kopa bogakolodi pele ga lenyalo, are go dira jalo go ka ba thusa go emelana le diemo le dikgwetlho tshotlhe tse ba ka kopanang le tsone mo lenyalong.
Moruti o ne a kgadile mokgwa wa bakapelo wa go nna mmogo ba sa nyalana, a re seo ke tlontlololo ya kereke le tumelo ya sekeresete.
O boletse fa go nna mmogo ga bakapelo ba sa nyalana go ka felela go rotloetsa kgokgontsho, go oka malwetse ebile go baka dintsho tse gantsi di runyang fa bakapelo bao ba tlhoka kutlwisisano.
Moruti o tlhalositse gore kereke e rotloetsa baratani go nyalana pele ba tshola bana.O tlhalositse fa bana e le bone ba babalelwang thata fa batsadi ba bone ba ba neng ba ‘inyadisitse’ ba kgaogana kgotsa ba tlhoka kutlwisisano.
“Bana ba amega thata fa batsadi ba bone ba ban eng ba nna mmogo ba sa nyalana ba kgaogana, kana ba a bob a tlwaetse go bitsa rraabone ba re papa,jaanong boseyong jwa gagwe mo lapeng go ka baka gore matshelo a bana bao a phatlakane,”a tlhalosa.
Moruti o ne a gwetlha Batswana go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone, ba tsene kereke gore ba tle ba thuse puso go aga tshaba ya Botswana e e nonofileng,e e nang le tebelopele ebile e gololesegile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2015






