Breaking News

Baithuti ba rotloetsa bophepa

14 May 2015

E re ka bophepa le botsogo jo bo itekanetseng e le di ya thoteng mo botsogong, bana ba sekole sa Boitekanelo ba ba neng ba le mo ithutuntshong ya tiro mo sepateleng se sebotlana sa Tsabong ba agetse sepatele seo mabeelo a matlakala ele tsela nngwe ya go rotloetsa bophepa le botsogo mo sepateleng seo.

Fa a bua mo letsatsing leo, moithuti wa sekolo se segolwane sa Boitekanelo, Mme Tshepang Gaoforwe o ne a tlhalosa fa e ne ya re ba le mo ditshekatshekong ene le baithuti ka ene ba le babedi e leng Mme Ofentse Moilwa le Rre Bonang Matoto ba lemoga fa tikologo ya sepatele e le leswe bogolo jang ka ba ne ba latlhela matlakala aa farologanyeng ebile a le borai mo tankeng e le nngwe.

Mme Gaoforwe o supile fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa go aga ntlwana ya matlakala ba tswaraganye le ba tlhokomelo tikologo ba (DHMT) mo sepateleng seo ba ba neng ba dumalana le bone go ba thusa ka dilwana tsa kago tse di lopileng madi a a kanang ka P8 000.

O kaile fa ba ne ba ikopanya le go kopa thuso mo go ba DBES go ba neela setshwantsho sa ka fa ba eletsang gore ntlwana eo e lebege ka teng. 

Ba komiti ya botsogo mo lephateng la DBES bone ba ne ba ba thusa ka go aga ntlwana eo ee neng e dirilwe ka botswerere jo bo kwa godimo fela thata.

Mme Gaoforwe o ne a kaya fa maikaelelo a bone e le baithuti ba Boitekanelo e le gore gongwe le gongwe fa ba direlang teng mo lefatsheng leno ba tlogele motlhala wa bone ka se ba se dirileng.

Fa a ntsha la gagwe Rre Matshidiso Matshuba, modulasetilo wa komiti ya botsogo mo tirong go tswa mo lephateng la dikago la DBES mo Tsabong o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsaya sebaka se se khutswane go aga ntlwana e e latlhelang matlakala go thusa baithuti ba ka botlhe moono wa bone e le go rotloetsa bophepa mo tirong.

Go le pele fa a amogela baeng mo tirong eo, Dr Kipoy Mangangi o ne a galaletsa baithuti ba boitekanelo ka go nna le seabe mo go tliseng pharologanyo mo lephateng la botsogo. A tlatsa ka go lebogela botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro eo e atlege.

Mo mafokong a gagwe a tebogo mookamedi wa baoki go tswa mo sepateleng sa Tsabong Mme Kefilwe Rowland Disele o ne a supa tiro e e dirilweng ke baithuti bao e ka seke e lebalesege bogolo jang ka le bone e le bogogi jwa sepatele ba ne ba setse ba na le dikakanyo tsa go aga ntlwana eo ka ba ne ba lemoga fa tanka ya matlakala e e teng e sa lekana.

Mme Rowland Disele o ne a galaletsa baithuti ba bararo bao ka tiro e ntle e ba e dirileng a kaya fa tikologo e e mo sepateleng e tla lebega e le phepa ka nako tsotlhe ka ba ne ba tshwenngwa ke loruo lo lo gobeyang le go falatsa matlakala le gore ba tla e tlhokomela ka go tswala mabati a teng ka nako tsotlhe.

O ne a tlatsa ka go supa fa mpho ee abilweng ke baithuti bao, e ka seke e lebalesege ebile mpho e, e tla sala e le segopotso mo badiring ba kokelo eo, a ba a ba eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong ya bone le gone gore ba tswelele ka go tshegetsa le go tshela ka mowa wa go tlisa pharologanyo mo go tlhabololeng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa puso le setshaba ka kakaretso.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 14 May 2015