Banana ba McCarthys Rust ba maoto a tshupa
14 May 2015
Banana ba McCarthy’s Rust mo kgaolong ya Kgalagadi ba gwetlhilwe go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tebogo Jaas o tlhasitse gore le mororo mananeo a a tlhamilweng ke puso go tlhabolola matshelo a Batswana bogolo jang banana a itshupile fa a le mosola ebile a ka nowa moro, banana ba McCarthy’s Rust ba santse ba goga dinao go a dirisa go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Jaas o kaile fa go tlhoka kitso ka mananeo a puso ga banana e le gone mathata a matona, a tlhalosa fa bontsi jwa banana ba koo ba santse ba sa tlhaloganye ka fa ba ka akolang mananeo a ka teng.
“Banana ba mono ba santse ba sa tlhaloganye go le gontsi ka mananeo a puso a tlhabololo matshelo le nyeletso lehuma.Lephata la Banana,metshameko le ngwao le dira bojotlhe jwa lone go leka go lemotsha banana ka mosola wa go tsaya mananeo a mme go ntse go tshwana fela banana ga ba a tseye.
Ba bangwe ba re ba palelwa ke go tlatsa dipampiri tsa ikopelo ka gonne di thata go tlhaloganngwa gape di tlhoka gore ba bo ba nale madi a go ya Gaborone go ya go dira dilo dingwe tse di tlhokafalang,” a tlhalosa.
O boletse gape fa boitseme mo letlhakoreng la banana bo na le seabe mo go tlhokeng go tsaya mananeo a puso ga banana, a kaya fa ba itsapa go kopa thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng ko ofising ya banana ko Tsabong.
Are go diega ga go sekasekwa ga dikopo tsa banana le gone go kgoba banana marapo go diririsa mananeo.
Rre Jaas o gwetlhile banana go itharabologelwa le go tsenya marapo mo dinameng ba dirise mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone, bogolo jang ka ba le mo kgaolong e e aparetsweng ke letlhoko le lehuma.
O tlhalositse gore fa ba ka tsibogela go dirisa mananeo a, ba ka iphitlhela ba le golo gongwe mo isagong. Are gape ba ka tlhamela Batswana ba bangwe ditiro mme go dira jalo, ba tlaabo ba thusitse lefatshe la Botswana go lwantsha letlhoko la ditiro, le a boletseng fa le apesitse lefatshe kobo ka letshoba.
Rre Jaas o kopile banana gape gore ba nne pelotelele fa ba santse ba letetse gore dikopo tsa bone di sekasekiwe di bo di arabiwe a bolela fa lepotlapotla le jesa potsane mme bopelotelele bo jesa pholo.
O boletse fa mananeo a a ka dirisiwa go fetola matshelo a banana ba koo, ba a tlhalositseng fa bontsi jwa bone ba feletse ka mophato wa boraro(form 3) mo dithutong go aga matshelo a bone sesha mme ba itirele bokamoso jo bo eletsegang.
Rre Jaas o gateletse gore fa banana ba ka dirisa mananeo a ka botswapelo, ga ba kitla ba tlhabolola matshelo a bone ka nosi, mme ba tlaa tlhabolola le motse wa bone mme ba ngokele bagwebi le bajanala mo go one, mme se e nne tshimologo ya dilo tse dintle mo motseng wa bone.
Rre Jaas o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso, a tlhalosa fa seabe sa bone mo kgannyeng e se le botlhokwa ka ele bone ba ba itseng banana botoka, a re ke bone ba ba itseng bokgoni le makowa a bone botoka.
A re fa batsadi ba ka nna le seabe, ba gakolola banana go tsaya ditshwetso tse di maleba, banana ba ka nna majato go tsaya mananeo a puso.
Rre Jaas o ne a kopa lephata la Banana,metshameko le ngwao go nna ba lekola banana ba McCarthy’s Rust kgapetsa-kgapetsa ba ba rute ka mananeo a puso a a farologanyeng le mosola wa one gore banana ba koo, fela jaaka banana ba bangwe lefatshe ka bophara le bone ba akole mananeo ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2015






