Kotsi ya koloi e gapile botshelo
14 May 2015
Monna mongwe o tlhokafetse mo kotsing ya tsela morago ga gore koloi e a neng a e kgweetsa e pitikologe mo tseleng ya Bokspits/ Struizendam.
Go ya ka mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Oteng Ngada, tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a herabongwe fa monna yo a ne a tswa kwa morakeng.
Superintendent Ngada o ne a tswelela ka go tlhalosa fa monna wa dingwaga tse masome a matlhano le bobedi yo o neng a kgweetsa koloi ya modiro wa Toyota Hilux ee bulegileng a ne a palelwa ke go e laola mme ya pitikologa mo tseleng eo.
Mookamela mapodisi a Bokspits o supile fa morago ga tiragalo eo monna yo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Rre Ngada o tlhomamisitse fa mo nakong ya gompieno serepa sa monna yoo se le mo setsidifatsing sa sepetele sa Tsabong, fa e tla ere mo bogaufing se isiwe kwa kokelong ya Princess Marina go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile kotsi eo.
Superintendent Ngada o supile fa moswi a ne a tlholega teng kwa motsing wa Bokspits mme a ne a le mo mongwe mo koloing eo ka nako ya fa kotsi e diragala.
Kwa bofelong mookamela mapodisi a Bokspits o ne a kopa le go gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go kgweetsa mo tseleng eo ka matsetseleko ba le kelotlhoko ka e le tsela ee makgwarapana (gravel) gape e itsoketsa gantsi le gone go tsamaya ka lobelo lo lo letlelesegang ka nako tsotlhe go hema ditiragalo tsa mofuta oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2015






