Breaking News

Go tlhoka ditlamelo go turela banni

14 May 2015

Banni ba Mogapi ba ngongoregela seemo sa kokelwana e e mo motseng wa bone mme ba kopa go agelwa kokelo e e nang le ditlamelo tsa pelegi.

Ba ntshitse maikutlo a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalemente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila.

Banni ba ne ba re go latela ditlamelo kwa Maokatumo go a ba turela ka go le kgakala bogolo jang fa molwetse a gateletswe thata ke bolwetse. Ba re go nna thata go bona thuso ya potlako ka mabaka a mosuke.

Ba ne ba tswelela ba tlhalosa gore kokelwana e tlhoka go nna le mokgokolosa le leobo le balwetse ba kgonang go itapolosa ka nako e seemo sa bosa se sa iketlang jaaka dipula le mogote o o feteletseng.

Morafe o ne wa bolela fa o santse o letile phetolo go tswa kwa go ba lephata la botsogo go itse gore tiego ke ya eng, ka ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba sale ba roletse ba lephatla la botsogo setsha go aga kokelo mme le jaana seo ga se ise se diragadiwe mo go sa ba jeseng diwelang.

Mongwe wa banni ba motes oo, Rre Tumediso Ali o ne lebogela mogopolo wa gore ditsha tsa dipolase di fokodiwe go tswa ko go dikhilomithara tse thataro go ya ko go tse tharo a re seo se tlaa dira gore palo e e nametsang ya batho le bone ba nne le tshono ya go nna le ditsha tsa dipolase, mme katologano ya didiba yone ga a dumalane le mogopolo wa yone ka gore go ya go baka kgothego ya lefatshe.

Rre Keamogetse Gabatwaele a re khansele ya Palapye ga e ba thuse jaaka ba ne ba solofetse ka e sa ba tlisetse ditirelo tse di maleba a ba a kopa khansele gore pele ga ba neela boradikonteraka ditiro ba ba sekaseke ka go nne ga ba duele ba ba ba thapileng mme seo se ba imedisa botshelo.

Fa a latlhela la gagwe Rre Mzwinilaa a re, puso e ntshitse didikadike tsa madi mo mananeong a puso go tlhabolola Batswana jaaka Ipelegeng le madi a itshetso a ba-na-le bogole mme seo se dira gore dipalo tsa babereki ba ba thapiwang mo Ipelegeng di okediwe le go ba okeletsa dituelo.

Mopalamente o ne a itsise morafe gore kokelo e ba e kopileng e tlaa agiwa ka lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba ya bolesome le motso e e tlaa simologang ka ngwaga wa 2017 e bile go tlaa nna le koloi e e rwalang balwetse.

Rre Mzwinila o ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone le go jesa dikgomo tsa bone Omang gore ba kgone go rekisa kwa matlhabelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : MOGAPI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 May 2015