Sekole sa Tutume Central se tshwentswe ke boimana
14 May 2015
Barutabana ba sekole se sebotlana sa Tutume Central ba re ba tshwenyegile thata ka tiragalo e mo go yone baithuti ba babedi ba basetsana ba lekwalo la bosupa ba tlogetseng sekole ka boimana.
Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Thembani Chilambampani o boletse seo mo bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekoleng seo ka Laboraro. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go tla ka tharabololo go tila tiragalo ya go nna jalo gape.
Mme Chilambampani a re tiragalo eo e ba amile le go ba tshosa ka ke lantlha e ba diragalela gape bana bao ba santse ba le ba nnyenyane mo ba ka se akanyediweng mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo.
O boletse fa baithuti bao ba ne ba dira lekwalo la bosupa,ba le dingwaga tse di lesome le bone le lesome le botlhano. A tswelela a bolela fa ba ile ba bitsa ba botsogo le barutabana le bagakolodi go leka go bua le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana.
A re mo bokopanong jwa letsatsi leo e ne e le go kopa batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa go ima ba sale ba nnye le ditlamorago tsa gone, a re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O gwetlhile batsadi go ema barutabana nokeng gore seru se se wetseng sekole se seka sa tlhola se boelela gape.
Mme Chilambampani a re tiragalo ya teng e diga seriti sa sekole ka ebile bana ba dikole tse di potlana go sa gopolwe gore ba ka amega mo boimaneng jwa baithuti ka ba sale bannyenyane. A re se se ngomolang pelo go feta fa ba latedisa dikgang tsa teng di matswakabele ga di na motlhala gore boimana bo tswa kae.
Mooki wa kokelo ya banana kwa kokelong ya Tutume, Rre Baleseng Mackenzie a re kgaolo potlana ya Tutume e di goga kwa pele ka dipalo tsa malwetsi a dikobo le palo e ntsi ya bana ba ba tlhaelang dikota.
Rre Mackenzie o ile a semodisetsa batsadi ka bodiphatsa jwa go ima motho a sale monnye. A re bana bao ba santse ba le masea ka jalo ba batla bogakolodi le dithuto go tswa mo botsading go ba ruta ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale bana.
A re gape batsadi ba na le go bua le ngwana wa mosetsana thata ba lebala wa mosimane, a gatelela ka gore a ngwana wa mosimane le ene a seka a kgaphelwa kwa thoko ka le ene o na le seabe se se tona mo dikgannyeng tseo.
O ile a tswelela a supa fa go santse go na le phatlha fa gare ga motsadi le ngwana, a ba kopa go tswala phatlha eo mme ba nne gaufi le ngwana go leka go lemoga diphetogo tse di tlang mo ngwaneng le go di dibela go santse go na le nako.
Mongwe wa batsadi, Rre Mothusi Mackenzie wa morutabana a re batsadi ba na le go loba le go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tse di diragalelang bana.
O kopile batsadi go sireletsa bana,a re ba sephiri thata le fa ba bona ditiragalo tse di masisi tse di diragalelang bana bogolo jang ba basetsana, mme a ba kopa go tlogela mokgwa oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Bokopano jwa batsadi le barutabana
Date : 14 May 2015






