Kgathi o kopa tshwaragano
14 May 2015
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, o lekodisitse bogogi jwa metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba ka lekoko le le romilweng go itebaganya le tlhako le molomo.
O buile seo mo bokopanong jwa bone le magosi kwa Francistown ka Labobedi, a bolela fa ba tsile go etela kgaolo go simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le bosupa go sekaseka seemo sa melelwane.
A re bokopano jo bo tlaa ba tlhagolela tsela, gore e seka ya re ka moso ba tsena mo motseng e bo e nna bo moeng o etetse mang.
Rre Kgathi o supile fa leeto la bone le tlaa simologa kwa Tuli Circle, go ya go tsena Mabule, Lenyetse, Matshelagabedi, Butale, Ramokgwebana go fetela kwa Maitengwe, mme e re morago ba tswelele le mosepele go fitlha mo mafelong mangwe.
A re ka kgaolo e e na le mekgatsha fa gare ga dinoka, ka jalo mosepele o tsamaya o nna le tiego ka dikgwetlho tsa go nna jalo.
Le fa go ntse jalo, Rre Kgathi o kopile morafe ga mmogo le bogogi jwa dikgaolo tsa metse eo go tshwaraganela kgang eo ya go tlhatlhoba melelwane, go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo, borukuthi, ga mmogo le terata e e laolang matlhoko a leruo go bona gore kgang eo e ka lwantshiwa jang.
Rre Kgathi o lekodisitse magosi go dira se se tshwanetseng a re bangwe batho ba na le go fitlha batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong, mme e re morago bangwe ba go nna jalo ba utlwalelwe e le bone ba ba amegang mo borukutlhing.
O kopile morafe go itebaganya le boammaaruri ka go supa ka fa molaong fa motho wa go nna jalo e le mongwe wa losika kana e le mmereki yo o thapilweng ka fa molaong.
A re ba dirile lenaneo leo ka go tshwaraganela tiro eo le tona ya lephata la temo-thuo, itshireletso molao le thokgamo, lephata la diphologolo le bojanala, lekgotla la kabo ditsha ga mmogo le lephata la tsa mesepele le dipasa, gore e re morago ba tswe ka tharabololo ya seemo sa gore batho ba kgone go bona seemo sa sennela ruri sa go rua dikgomo tse di nang le boleng.
O tlhalositse gore mangwe mafelo a ka fetolwa go nna boremelelo jwa go nna lefelo la diphologolo le go lema fa thoko ga noka.
A re go dira jalo e tla a bo e le nngwe ya go tlhamela Batswana ditiro ga mmogo le go itsa dikgomo go tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe.
Rre Kgathi a re ba tsere kgaolo e ka batho ba teng ba amilwe fela thata ke lehuma ka ba sena se ba ka se itirelang mme ba sa kgaphele a mangwe kwa thoko.
Fa a mo kgwa dikgaba, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati-siding o kopile puso go tsenya terata ya motlakase ya sennela ruri.
O kopile batho go emisa go kgaola terata, a re go dira jalo ba a itshenyetsa ka puso e lopiwa madi a mantsi go baakanya terata eo e e laolang matlhoko a leruo.
Modulasetilo wa komiti e e tlhokomelang tsa temo-thuo kwa Tshesebe Rre Leonard Mokgosi o lebogetse kgang e tona a ba e beileng pele, a tlatsa ka gore dilo dingwe di tshwana tiro ya go tlhokomela tereta e e laolang matlhoko a leruo e nne nngwe tiro ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Bokopano jwa lekoko le magosi
Date : 14 May 2015






