Breaking News

Thuto e ka fokotsa manokonoko a lehuma

14 May 2015

Mothusa tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Philip Makgalemele, a re thuto ke yone konokono mo gofokotseng manokonoko a lehuma.

O buile seo kwa dithuto puisanyong tse di neng di itebaganantse le lenaneo la nyeletso lehumo tse di neng di tshwaretswe kwa Seronga mo kgaolong ya Okavango bosheng.

O gwetlhile batsadi go ema thuto ya bana ba bone nokeng a re kamoso ke bone ba tsogang ba ba namola molehumeng la nta ya tlhogo. A re go botlhoka gore batsadi ba tshwaragane le barutabana ka go tsena diphutego le gone go nna ba etela kwa sekoleng go tlhodumela tiro ya baithuti.

Rre Makgalemele a re ke maikaelelo a puso go e re ka ngwaha wa 2017, lehuma le le apereng lefatshe leno le bo le nyeleditse a tlatsa ka gore seo se ka kgonagala fela fa mongwe le mongwe a ka tsaya boikarabelo jwa go ema puso nokeng.

A re e re ka mananeo a nyeletso lehuma a le matsorotsoro go ka nna molemo gore baikopedi ba ikopanye kana ba dire dikoporase gore ba akole ba le palo le gone gore ba thusiwe ka madi a a botoka.

Mothusa tona o boletse fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi ka jalo a rotloetsa banni go inaakanya le mananeo gore ba fitlhelel toro ya puso ya go nyeletsa lehuma.

Mothusa mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Sumbe Ongadile o ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supile fa batho ba le 400 000 ba aperwe ke lehuma fa ba le 120 000 ba tshelela mo go la nta ya tlhogo.

A o tsweletse a tlhalosa fa dipatlisiso tseo di supile fa kgaolo ya Ngamilandbogolo jang kgaolo ya Okavango e le nngwe ya tse e di gogang kwa pele mo lehumeng la nta ya tlhogo.

A re seemo sa lehuma mo lefatsheng se tshwentse thata tautona ke ka moo a neng a simolodisa lenaneo la nyeletso lehuma ka maikaelelo a go fa Batswana seriti le go tokafatsa matshelo a bone.

Rre Ongadile o ne a tlhalosetsa banni ka mananeo a a teng le ditsamaiso tsa go ikopela a supa fa ba lephata la boipelego ba tlamega go dira ditshekatsheko pele ga motho a aka akola lenaneo.

A re moikopedi o tshwanetse a bo a na le bokgoni a tlatsa ka gore ba ba senang bokgoni ba ikwadise le ba ofisi ya boipelego ka fa tlase ga lenaneo la botlhoki gore ba thusiwe le bone. O tsweletse a re moikopedi o ka thusiwa ka madi a a sa feteng P15000.

Rre Ongadile o boletse mo kgaolong ya Ngamiland, bontsi bo na le dikgomo mme ba akotse lenaneo ka jaana puso e ne ya leba mabaka a gore ba ruile ddikgomo fela tse di sa ba tshediseng ka ntlha ya letlhoko la mmaraka.

Baemedi ba maphata a puso ka go farologana a ne a nankolela banni ka dikgwebo tsa lenaneo tse di tsamaisiwang ke maphata a bone mme ba ba kopa gape go etela diofisi gore ba anywe go le gontsi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : SERONGA

Event : Thuto-puisano

Date : 14 May 2015