Sekolo sa Baisago se abetse bana dimpho
14 May 2015
Baithuti ba sekolo sa Baisago University College ba abetse sekolo sa bana (pre school) sa Botshelo Ithuteng kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse thataro bosheng .
Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho, mogolwane wa thuto kwa Serowe, MmeThusego Baloni a re sekolo sa Baisago University College se tsere matsapa go kokoanya madi ba dira ka lorato go supa fa le bone ba tlhokomela e bile ba gwethega go thusa puso go bona bana ba na le bokamoso jo bo siameng a tlhalosa fa go dira jalo go rotloetsa bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo.
Mme Baloni a re o lemogile gore bana ba ba tseneng mo sekolong sa Botshelo Ithuteng ba botlhale gape ga ba tshabe sekolo,o ne a kopa batsadi ba bana go tsaya dithuto tsa bana tsie ka ke bokamoso jwa bone.
O ne a leboga barutabana ba sekolo sa Botshelo Ithuteng go itlhaopa go fa bana ba ba botlana ba kgotla ya Marulamantsi mo Serowe thuto mme ba sa duelwe, a re go dira jaana ke tiro e tona e e supang maikaelelo a motsadi mo thutong ya bana.
Mogokgo wa sekolo sa Baisago Mme Oanthata Mokalake fa a tswa la gagwe o lebogile puso go tshwaragana le bone ka go tsaya bana bangwe mo sekolong seo go ba isa kwa sekolong sa ithutelo go ruta bana ba ba iseng ba simolole dikolo kwa Serowe College, ka go dira jaana puso e lemogile gore go na le thaelo e ntsi ya barutabana ba dikolo tsa bananyana.
O ne a tlhalosa gore go kgobokanya dimpho tse ba ne ba rekisa dinekere le go ntsha mo dipateng tsa bone, mme ba reka dilwana tse sekolo se di se tlhokang. Batsadi le bone ba ne ba ntsha madi go thusa sekolo kwa moletlong oo.
Moruti Bernard Mpolokeng o ne a leboga sekolo sa Baisago Baisago University College go dira tiro e ntle, a re go dira jaana Modimo o a itumela ka o batla bana ba gagwe ba thusana e bile ba nna ka dipelo tse itumelang.
Mogolwane wa Baisago University College yo o itebagantseng le dikeletso tsa baithuti (Student Welfare and Support Services)Mme Agnes Mohwasa e rile a latlhela la gagwe, a re o lemogile gore go le gantsi batho bangwe fa ba abetswe ga ba tlhokomele se ba se abetsweng ka ba sa se huhulela mme a kopa gore baithuti le barutabana ba tlhokomele dimpho tseo.
Dimpho tseo di akaretsa dikobo, dimmete, materase, diaparo tsa bana tse di farologanyeng, dibuka dikgamelo le dilo tse di tshamekang tse di farologanyeng le tse dingwe.
Moruti Mr Bernard Mpolokeng fa a tswa la gagwe, one a leboga sekolo sa BAISAGO go bob a dirile tiro e ntle hela thata, a re go dira jaana modimo o itumela hela thata ka o batla bana ba gagwe ba thusane.Fa Mme Agnes Meisie Mohwasa a wetsa la gagwe, a re o lemogile gore batho gantsi ha ba tlhokomele dilo tse ba sa dihuhulelang,jaanong o kopile barutabana go tlhokomela dimpho tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 14 May 2015






