Breaking News

'Tshwaraganelang thuto'

12 May 2015

Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng kwa Mahalapye, Rre Akshay Dave, a re ere ka thuto ele konokono ya botshelo,  motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo go tshwaraganeleng tsamaiso ya thuto le mmuso.

Rre Dave o buile mafoko a kwa moletlong o mo go one a neng a abela sekole sa bananyana sa St Patrick Day Care Centre di dirisiwa tse di akaretsang sebalamakgolo, metako le tse dingwe tse bana ba tla itlosang bodutu ka tsone fa ba tsweletse le dithuto.

A  re bagwebi ba lefatshe leno gammogo le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse go thusana le mmuso go tshwaraganela tsamaiso ya thuto ka ele yone konokono mo botshelong e bile ele yone e kgonang go ntsha barutegi ba ba ka etelelang lefatshe pele jaaka tautona le matona a puso.

Rre Dave o boletse fa gole botlhokwa go abela dikole tsa bananyana di dirisiwa tsa metshameko ka dikgona go ba thusa go itshidila mebele mo go ka ba sireletsang mo go tsenweng ke malwetse.

Modulasetilo wa kereke ya Roma Rre Matlhogonolo Rathedi o boletse fa dimpho tse bana ba kereke ya gagwe ba di abetsweng ke Rre Dave ele tsela nngwe ya letshego la tebelopele ya vision 2016 ya tshaba e kutlwelobotlhoko, tshaba  e rutegileng e bile e kgatlhala ka matshelo a batho ba bangwe.

E rile mogokgo wa sekole seo mmaetsho Girly Disho a tswa la gagwe a lebogela dimpho tseo ka jaana di tla tlhotheletsa bananyana ba sekole seo go nna le kgatlhego mo metshamekong gammogo le go ithuta go dirisa dibalamakgolo pele ga ba fetela kwa dikoleng tse dipotlana.

Mme Disho o kgaletse batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng seo go palelwa ke go tsena moletlo oo, ntswale bane ba laleditswe. A re go maswabi go bona batsadi ba sena kgatlhego mo thutong ya bana le mororo thuto ele boswa jo motho a ka sekang a bo amogwa ke ope go fitlha a tsena ka lebitla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Modirwa

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto-puisano

Date : 12 May 2015