Mathokgwane o tla a dirisanya le mokhanselara
13 May 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope-Mabule, Rre James Mathokgwane, o tlhomamiseditse banni ba Tswagare gore o tla nna le tirisano mmogo e lolameng le mokhanselara wa kgaolo eo, ntswa e le ba diphathi tsa sepolotiki tse di farologaneng.
Rre Mathokgwane o buile se kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere bosheng kwa motseng oo, a tlhalosa fa go le bothokwa gore ene, le mokhanselara, Mme Gladys Molefhe, ba dirisane mmogo go tsisa dithabololo mo kgaolong.
Rre Mathokgwane o ne a tlhalosa fa ntwa ya sepolotiki e sale e fedile ngwaga o fetileng ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone, fa batlhophi ba ne ba mo tlhopa,ba mo pega mo setilong sa bopalamente go nna moetelediplele le mmueledi wa bone kwa Palamenteng.
Are ka jalo dipharologanyo tsa diphathi tsa sepolotiki di tshwanelwa ke go beelwa kwa thoko mme ga tsholediwa moono wa go direla Batswana ka kakaretso go sa kgathelesege gore ke wa phathi efe ya sepolotiki.
A re fela jaaka a thophilwe, le mokhanselara o thophilwe ke bathophi ba supa fa ba na le tshepo mo go bone gore ba ta ba tisetsa dithabololo mo kgaolong.
O ne jalo a rotloetsa, a bo a solofetsa gore ene le mme Molefhe yo e bileng a thophilwe go nna modulasetilo ya khansele potlana ya Goodhope, ba tla dirisana mmogo go tsweledisa dithabololo tsa kgaolo.
O ne a solofetsa banni fa a ta ba fa kemedi e thomameng e bile e lolame, a tswelela ka go ba solofetsa ga a se kitla a swabisa tlhopho ya bone mme a tla dira ka bonatla le bonokopila go emela dikeltetso tsa bone kwa Palamenteng fela jaaka e rile a tsena kwa Palamenteng a bo a ikanela seo.
Rre Mathokgwane o ne a thalosa fa banni ba Goodhope – Mabule ba le sego that aka jaana ban a le kemedi e popotla kwa Palamenteng ya Mapalamente a le mararo.
A re ba nnile sego ka jaana ban a le ene, ban a gape le Rre Kitso Mokaila yo o ithophetsweng ke Tautona a ba a bewa go nna Tona ya tsa moepo, kgotetso le metsi, ga bag a nna le Rre Eric Molale, yo o tswang mo kgaolong e, e bile a beilwe tona wa tsa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirela puso.
O ne a re, go ta bo go le thona gore e re sebaka sa bone sa bopalamente se ya go wela, go bo go sena sepe se se supagalang fa kgaolo ya Morolong e ne e emetswe ke mapalamente a le mararo, mo go bone go na le botona.
Mopalamente Mathokgwane o ne gape a leboga Rre Kitso Mokaila, yo e riling ba tsena botlhe kwa palamenteng a seka a mo leba ka leitho lepe fela , mme a tshwaragana le ene a mo tsamaisa tshipidi tonto ka ditsamaiso tsa palamente.
O supile fa Rre Mokaila a ne a mo tshwara ka letsogo a mo tsamaisa tshipidi tonto, a thalosa fa ba tshwaragane thata e bile ba dira mmogo.
Mo go tsa dithabololo, Rre Mathokgwane o ne a fetisetsa mo banning ba kgaolo eo, ka melawana e sa tswang go fetisiwa kwa palamenteng e tshwana molao wa makgotla o o okeditseng palo ya batho b aba thokegang go kwadisa go tswa kwa go lesome go ya kwa go ba le lekgolo le masome mathano go kwadisa kereke.
O ne gape a ba thalosetsa fa palamente e eme, ba ne ba santse ba buisana molao wa go sekaseka le go baba lefatshe mo Botswana, a thalosa fa e ta re Palamente e e latelang ba sekeseke molao o, pele ga b aka o fitisa ka jaana ba ne bas a kgotsofalele ditshetana dingwe mo go one.
O ne a thalosetsa banni ba kgaolo fa a na le maikaelelo a gore a lekole metse ya bone ga bedim o kgaolong go tsaya megopolo mo go bone go e isa kwa Palamenteng le gone go kgaogana le bone ka tse di sa tswang go buiwa le go dumelanwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segametsi Kebonang
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 May 2015






