Breaking News

Mapodisi a Mochudi a abela lelwapa

12 May 2015

Le fa bontsi jwa batho ba itse fa tiro ya sepodisi e le go lwantsha borukhutlhi le go tshwara badira melato, seo se setse se fetogile mo metlheng ya gompieno ka le bone ba supa fa ba sa itebaganya le tiro ya bone fela.

Seo se supilwe ke mogolwane wa mapodisi a Mochudi, Supt Olebile Sitale kwa Rasesa ka Labotlhano fa ba ne ba abela lelwapa Loora Segodi dijo le paka ya sekolo ya bana ba batlhano ba lelwapa leo.

Supt Sitale o ne a supa fa ba ne ba bona go le maleba go abela boora Segodi morago ga gore ngwana mongwe wa lelwapa leo  yo o  dingwaga tse  di  lesome le boferabongwe,  a tshwarelwa melato ya go senyetsa batho mo matlong a bone ngwaga o o fetileng.

A re morago ga ditlhotlhomiso tse di tseneletseng ba ne ba lemoga fa a ne a dirwa ke botlhoki jo bo mo lelwapeng la bone a supa fa ngwana yoo, a ne a utswela batho mme morago a ise dilo tse a di utswileng ko lwapeng gore bomonnawe le bone ba kgone go bona se se ka yang maleng.

Mogolwane wa mapodise o boletse fa seo se ne sa ba gwetlha go thusa ngwana le ba lelwapa la gagwe a supa fa ba ne ba nna fatshe le ene go mo kgothatsa le gone go mmontsha bodiphatsa jwa go inaakanya le ditiro tsa borukhutlhi.

O tsweletse a re morago ba ile ba bona gore ba rekele ba lelwapa leo dijo le paka ya sekolo gore le bone ba tshwane le bana ba malwapa a mangwe a tlatsa ka gore ba dira seo ba gatelela kgang e e mo baebeleng e e reng go sego letsogo le le abang.

O boletse gore ba diragatsa seo gape ba itebagantse le tebelopele ya setshaba ya letshego la setshaba se se kutlwelobotlhoko a tlatsa ka gore ba diragatsa le mokgosi wa ga Tautona wa go thusa bao ba ba tlhokileng lesego.

Fa a tswa la gagwe mothusa molaodi Mosetsanagape Busang o ne a leboga mapodise a Mochudi ka tiro e ba e dirileng a supa gore le mo pusong ba rotloetsa ba bareki go thusa  ba ba tlhokileng lesego fa ba berekelang teng.

A re bogologolo  mapodise ba ne ba tshabiwa thata a kaya fa se ba se dirileng ke sesupo sa gore ga e sa tlhole e le mapodise a bogologolo a a neng a tshabiwa thata ka le bone ba kgona go direla setshaba se ba se thusang. 

Le fa go ntse jalo mothusa molaodi o ne a kopa mapodise go dira mokwalo(report)ya ba lolwapa loora Segodi e e tletseng mme ba e tlise ko ofising ya bone gore ba ofisi ya boipelego ba tle ba sekaseke botshelo jwa bone gore le bone ba kgone go thusiwa.

Kwa bofelong o ne a gwetlha ba lelwapa leo go ema ka dinao go itirela le bone go na le  emela batho go ba rekela tse ba ditlhokang a supa fa mananeo a le mantsi gore le bone ba kgone go itshetsa ka one.

E ne ya re go le pele fa a amogela baeng Kgosi Rasesa Rasesa a tlhalosa fa go itumedisa go bona badirela puso le bone ba eme ka dinao go thusa setshaba se ba berekelang fa go sone.

A re seo se supa boikarabelo fela thata mme o ne a rotloetsa mapodise go tswelela ba dira jalo a kaya fa e le mowa o montle fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Kabo dimpho

Date : 12 May 2015