Banana bangwe ba dule mo tseleng kwa Tshimoyapula
12 May 2015
Dintwa, nnotagi le botlhokatsebe kwa Tshimoyapula mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ga bo jese di welang e bile batsadi bangwe ba setse ba tshaba motse wa bone.
Mo potsolosong le bobegadikgang bosheng, magosana a dikgotla le batsadi bangwe ba buile ba sa kgwe mathe ka botlhokatsebele le dintwa tse di bifileng mo motseng wa bone, ba tlhalosa mathata a tswa mo melaong mengwe e ba reng e ba kgaotse matsogo go lekana le badira molato.
Dikgosana tsa dikgotla tsa Basimane, Mogorosi, Mathuba Kgala le Tshosa ba tlhaloseditse fa banana bangwe ba itirile balaodi ba malapa a batsadi mo motsadi a sa kgoneng go kgalema ka bangwe ba bone fa ba kgalemelwa ba re ba na le ditshwanelo bangwe ba re ba tla ipolaya mme seo se tshabise bangwe batsadi go kgalema ka lentswe le le kwa godimo.
Ba re nnotagi go inyadisa e le banana le bangwe bagolo go tlhakatlhakantse motse wa Tshimoyapula mo o setseng o ka bidiwa kgaphamadi kgotsa maina fela a go kaya polao.
Ba re dinako tsa go bulela majalwa a Setswana ga di obamelwe jalo masigo go nne dintwa tse go tshololwang madi ka ba itaana ka dilo tse di bokete kana tse di bogale go ntshanya dintho tse di masisi.
Ba re ngwana wa mosimane kgotsa wa mosetsana le fa a tla ka mosetsana kana mosimane fa pele ga batsadi ga ba boife sepe le fa motsadi a kgalema o bodiwa gore a o tswa pelo. Ba tlhalosa konokono ya dikgang tse ele bongwe botsadi jo bo letelelang bana go dira ka fa ba ratang ka teng.
Mothusa kgosana ya kgotla ya Basimane rre Ketheepile Utlwanang, kgosana ya Tshosa rre Moanatsela Gareanna, kgosana ya kgotla ya Mogorosi rre Mongwaketse Mausu, le kgosana ya kgotlana ya kgala rre Mothoosele Tekwa ba re ba kile ba ne ba kgalema ka go letsa thupa mme ga tokafala mo bananeng ba ba tlhokang botho mo motseng wa bone, ka go boifa ditshwanelo tsa bana go tsoga ba ba sekisa ka ba re ba a kgokgontshiwa, ba emisa dithupa mme ga simolola go tlhakatlhakana go tla mo seemong se gompieno banana bangwe ba sa kgonafaleng.
Magosana ao a re le fa ba ne ba leka banana ka go ba otlhaya ka thupa bongwe botsadi bo ne bo ba emela ka dinao ba kgala ka fa ba othayang banana ka teng mme ba emisa kotlhao ya thupa ba ka jalo motse wa simologelwa ke bothoka tsebe.
Kgosana ya Mathuba rre Shimane Mmolaatsie a re ene o leka go ruta ba kgotla ya gagwe ka boitshwaro mo diphuthegong le go ba ruta ka bokeresete mme le fa ba dira diphoso ba feta ba ikgakologelwa.
Kgosana wa kgotlana ya Kgala rre Mothoosele Tekwa a re ba ne ba ntse ba kgalema ka thupa mme kgosi yo o ba etelentseng mo Paje a ba emisa go dirisa thupa ka a rile ga ba na teseletso , jalo ka kgosi mongwe wa bone a kile a ya go sekisiwa kwa kgotleng kgolo ya ga mmangwato ba emisa thupa.
A re bangwe badira molato ba gana go seka mo dikgotlaneng ba ye mo go e tona ya motse oo, mme ba seke ba supeediwe tsela e e thamaletseng ya ditsheko tsa magae jaaka bogologolo gone go dirwa.
Kgang eno e tla morago ga dikiteo tsa dintho tse di masisi tse di dirafetseng ka mafelo a beke e e fetileng tsa go lwa ka didirisiwa tse di bogale go le masigo, nako e go solofetsweng gore batho ba bo ba iketlile mo malapeng mme fa ba tswa gone kwa majwaleng ao ka e le baratani go tsoge thatharuwane e e fetsang basadi ba golafaditswe mo go masisi.
E rile mo potsolosong le bangwe badirela puso kwa motseng oo ba tlhalosa fa mathata a tswa mo bakapelong ba ba itshemang banyalani e bile ba sa tlotle botsadi gotlhelele.
Magosana ba rile go tlhoka gore ba ikopanye go abelana megopolo ka fa ba ka laolang seemo se se bifelang pele mo motsaneng wa bone ka teng. Ba tlhalositse fa motse wa Tshimoyapula o tswa bogologolong dikgosi tse di neng di o busa di ne di tlotlega thata ba reediwa. Kgosi ya motse oo o ne a tserwe ke tsa tiro fa go kwalwa dikgang tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 12 May 2015






