Breaking News

Tsibogelang dikgang tsa lefatshe

13 May 2015

Lekgotla la kabo ditsha le gakolotswe go neela batho ba ba thusang dikarabo tse dilolameng, go na le go ba ya baikopedi fa le fa go sena dikarabo.

Seo se builwe mo phuthegong ya kgotla kwa Palapye e e neng e buisiwa ke Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele. O ne a a ile go abelana morero wa go tsewa ga masimo a batho bale 156 go sutela katoloso ya moepo wa Morupule.

Tona Maele a re ene o dumela gore boammaruri le fa bo baba, bo tshwanetsa jwa buiwa. A re fa motho a kopa lefatshe, mme ba kabo ditsha batlhaloganya sentle gore golo fa a kopang teng gona le se se go beetsweng ga go thona gore ba gane go aba lefelo leo ka mabaka a a teng.

Tona o ne a ama dintlha di le pedi tsa botlhokwa are baokeditse madi a lenaneo la SHAA gonna P30 million, fa godirisitswe go feta P300 million gotsenya ditlamelo kwa extension 11, mme a supa fa a tshwengwa ke bo radikgwebo, dikereke le dipolase ba ba kolotang lekgotla la kabo ditsha la Palapye go feta P6 million wa (lease) are madi ao ke one a kabo a dira ditlhabololo jaanong a mo bathong.

Tona Maele a re gona le ditsha dile 19 tse disegetsweng fa thoko go thusa banana mo dikgwebong tse difarologaneng.

One gape a kopa batho go inakanya le kwadiso ya ditsha e e tsweletseng, are ditsha tse di sigilwe jaanong di diretswe setankana sa title deeds se motho a ka ikopeleng madi ka sone go tlhabolola setsha gole bonolo gona le pele.

Ene erile gole pele modulasetilo wa VDC Rre Benjamin Ndaba a supa fa ba lekgotla la kabo ditsha batsaya lobaka go ba abela ditsha ele ba VDC, ba lebeletse letlhoko la boroko mo Palapye. One gape a buwa ka lenaneo la badirela puso la kadimo ya kago are le didimetse le kae?

Rre Ndaba one a kopa gore a baneelwe polase ya leupana gore banana ba e dirise gontsha dijo.

Ka nako ya dipotso le dikagelo ba Palapye bane ba lebogela morero ka tona ka gotsewa ga masimo , le ditlhabololo tse didirwang mo Palapye bare seo ke kgatelo pele e ba e lebogelang fela thata

Gone ga tsoga kgang ya masimo a Maotokgonyana le tiego ya phimolo dikeledi fa motho a amilwe ke tsela ka Rre Thatayaone Badumetse, are fa basale ba amiwa ke go diraw ga tsela ya Gootau  ka 2004 nako kgolo ke eno ga goise go duelwe.

Mme Khumoeng Diau one a buwa ka setsha se basaleng ba sekopetse VDC ya kgotla ya Thomadithotse, mme ba bewa fa le fa gosena epe phetolo e e utlwang ka lefelo leo.

Ene yare a bakgwa dikgaba tona Rre Maele a kopa ba lekgotla la kabo ditsha la Palapye go tsibogela dikgang tseo, mme a bafa sebaka gore ere mo nakong e e sa fedising pelo ba bo ba mo file phetolo ya kafa ba  ba bathusetseng ka teng.

Ka kgang ya madi a dikago a kadimo a badirela puso one are lenaneo leo ga le a kgonega kaba dibanka bane ba batla dituelo tse dikwa godimo, tse puso eneng ya lemoga fa ese botlhe badirela puso baba ka dikgonang.

Mo mafoko a tebogo mothusa tona wa thuto, mopalamente wa Palapye Rre Moisareela Goya one are kampa ya leupane keya Bangwato Trust, mme ebile e setse ene le se eyang go sediresediwang. Ka  kgang ya extension 2 ya gore ga gona ditsela tsa dinao fa gare ga dijarata one are, ga dia dirwa gongwe le gongwe jaaka bone ba batla mme tsone diteng.

Mopalapmente one a bolelela batho ba kgaolo ya gagwe are batsaya didirisisiwa tsa kago kgakala ka ditlhwatlhwa  di le kwa godimo  fela thata, mme a ba ebigela maiteko a ba a dirang gotlhabolola ditsha tsa bone tsa bonno, one are lefathe ke boswa le tlhoka gosomarelwa ka lefa motho seriti.

Mopalamente one gape a akgolelela lephata laga tona go thusa mo go goleng le gotlhabololeng motse wa Palapye , le ka tsone ditsha tse di segetsweng fa thoko go abelwa babeletsi, ele tsa dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 May 2015