Breaking News

Dikomiti tsa ditlhabololo di tla dirisa melawana e mesha

12 May 2015

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o boleletse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e tlaa simolola go tsamaisiwa ka melawana e mesha ya dikgaolo.

A re jaanong di ka kgona go sekisa le gore di ka sekisiwa fa go na le lebaka la gore di sekisiwe fa go na le dikgang tse di fatlhang kana di sa itumedise setshaba.

O boletse fa dingwaga tsa maloko aa tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di okeditswe gotswa mogo tse pedi go ya kwa go tse tharo. A re go na le matshwenyego a gore fa morafe o sena go tlhopha maloko a dikomiti go tswafoo o aba latlhelela o sa ba eme nokeng go dira tiro e ba e tlhophetsweng.

E rile a buisa ba ba tlhophetsweng maemo mangwe mo komiting, a tlhalosa fa batho bangwe ba batla go ka tlhophiwa mme e be ere fa ba sena go tlhophiwa, ba bo ba sa nne tlhaga mo go se ba se tlhophetsweng ebile ba sa tsenelele diphutlhego tsa kgotla kgotsa tsa komiti. Are tlhopho e botlhokwa fela thata mme le fa ntswa bangwe ba sa e tsee tsia ebile ba sena kemo nokeng mo mananeong a ditlhabololo tsa motse. O ne a kgotlhatsa baphutlhegi go ka dirasana mo tlhophong ya bone.

Fa a bua ka ditirelo tsa Ipelegeng, are komiti ya VDC e nale thata ya go ka tlhapa badiri ba ipelegeng mme one a kopa komiti gore e neele batho ba ba tlhapetsweng ipelege tshono le sebaka sa go ke e etelele pele, e seng gore bone ba VDC ba ikgagapelele maemo a ipelegeng. Le baba apeelang ba bereki ba ipelegeng go neelwe tshono baba nang le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirong tsa ipelegeng.

A kopa baeteledi pele botlhe ba ipelegeng gore ba seka ba nna le mowa wa go tlhapa ka bolosika le botsala.

Mo dipotsong motshwara madi wa komiti ya khurumela mme Mmasliden Motshai one a kopa Tona gore go nne le kokeletso dikatso tsa go tsena phuthego are e nne P700 go tswa mo go a ba a fiwang gompieno.

Orile a ba araba Tona Tshireletso are o tlaa isa dikopo tsa bone kwa go baba lebaneng aa karetsa le le ya dikomiti e baneng bare ba nale matshwanyego a letlhoko la ditsa tsa go aga matlo a ba a rentisang. Erile a gakolola phutlhego ya VDC mo kganeng e, Kgosi ya motse wa Palapye, Kgosi Michael Maforaga o ne a gakolola baeteledipele botlhe ba komiti tsa VDC go ka batla ditsha le go ka tsenya dikopo tsa ditsha ko lephatleng la kabo ditsha go kopa ditsha mo kgotlaneng nngwe le nngwe mo Palapye ka go nne go ka ba ketefalela go emela ditsha fele mo dikgotaneng tse ba leng mo go tsone.

Tona Tshireletso o ne a ba iteela legofi ka tshwaragano e ba nang nayo le boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi le makhanselara gammogo le ba boipelego.

Modula setilo wa Palapye umbrella VDC, Rre Ndaba o ne a supa matshwenyego otlhe a a farologanyeng e komoti ya gagwe e nang nayo mme Tona Tshereletso o ne a tsaya matshwenyego otlhe a bone a bo a solofetsa fa a tla boela ko go bone mo tsamaong ya nako.  BOPA

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa dikomiti tsa ditlhabololo

Date : 12 May 2015