Mogolwane o rotloetsa bagwebi go ikemela ka dinao
12 May 2015
Mogolwane wa tlhabololo matshelo a batho, Mme Lilian Ntopolelang, go tswa kwa khanseleng ya Kgalagadi o gwetlhile bagwebi ba ba botlana go ema ka dinao go itirela ka diatla ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng matshelo a bone le go itshetsa.
O buile mafoko a bosheng mo letsatsing la Thekiso” Market Day’” mo Tsabong le ba ne neng ba rulaganyeditse bagwebi ba ba botlana le ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma, ba ditiro tsa diatla ba akaretsa ba Thuto Gaegolelwe le ba ba bangwe.
Mme Ntopolelang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rotloetsa botlhe ba ba inakantseng le dikgwebo tse di potlana le ba ba thusitsweng ke puso ka lenaneo la nyeletso lehuma go tokofatsa matshelo a bone.
O tlhalositse fa maphata a puso aa farologanyeng a akaretsa la boipelego, la bong, temo thuo, ba banana metshameko le ngwao le ba bangwe e le one a rotloetsang bagwebi bao.
Mogolwane o ne a gakolola borre go inaakanya le ditiro tsa diatla ka bomme e le bone ba gantsi ba kgatlhegang ka go itshupa ka dipalo tse di kwa godimo fa go tshwantshwangwa le borre tse di leng kwa tlase fela thata.
Mme Ntopolelang o ne a supa fa bontsi jwa bomme ba na le ditalente tsa ditiro tsa diatla mme sebe sa phiri e le gore bomme ba bangwe bone ga ba tlhwaafalele go dira ka natla , a supa fa puso e leka ka bojotlhe go tokofatsa matshelo a bone ka go ntsha mananeo aa farologanyeng a ba ka itshetsang ka one.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa letsatsi leo le tshwanetse go tshwarwa beke le beke mme ba sa kgone ka lebaka la letlhoko la dipalamo ka kgaolo ya kgalagadi borwa e le bophara, a kaya fa ba tshwanelwa ke go kokoanyatsa bagwebi bao go le gongwe ba ba tswang kwa Struizendam go fitlha kwa Kokotsha.
A re gantsi dikgwetlho tse bagwebi ba kopanang le tsone ke theko ee kwa tlase mo dikgaolong fa go tshwantshwanngwa le kwa ditoropong.
Mme Ntopolelang o kaile fa keletso ya bone e le gore mo nakong ee tlang ba rulaganyetse bagwebi go tshwarela letsatsi leo la theko kwa toropong e tshwana le ya Jwaneng ka seo se ka dira pharologanyo ya theko ee botoka bogolo jang mo mafelong a kgwedi.
O ne a kaya fa maikaelelo a bone e le go rotloetsa bagwebi ka go ba fa sebaka sa go rekisa fa bathong ba le bantsi ba ba kokoanetseng mo meletlong e tshwana le ya Khawa Dune Challenge, Polka Festival, ditshupo tsa temo thuo le meletlo e mengwe ee diragalang mo kgaolong ya kgalagadi.
Lefa go ntse jalo mongwe wa bareki Mme Kganetso Kavari o ne a ngongorega ka barulaganyi ba letsatsi leo a kaya fa gantsi ba sa itsisise le go laletsa setshaba ka letsatsi leo , A supa fa e le lebaka lengwe le le dirang gore bagwebi bao ba nne le theko ee sa nametseng.
Mme Evah Motlhanke mongwe wa mogwebi o ne a tlhalosetsa ba lekalana la dikgang la (BOPA) fa a dira kofi ya lengangale a kaya fa e na le theko ee nametsang fa e sale jaaka a simolola go e rekisa ngogola.
Are fela jaaka kofi motlopi le yone e thusa thata mo malwetsing a tshwana le madi a matona le jwa sukiri le a mangwe.
Mme Motlhanke o ne a gatelela thata mafoko a ga Mme Kavari a supa ka monwana barulaganyi ba letsatsi leo a kaya fa ba sa laleletse setshaba gotlhelele selo se a reng se dira gore le seka la ba solegela molemo ka go tlhoka go rekwelwa dithoto tsa bone ka fa go tshwanetseng ka teng.
Letsatsi leo le ne le tseneletswe ke bagwebi ba bomme ba le lesome le bosupa fa borre bone ba ne ba le babedi fela go tswa mo kgaolong ya kgalagadi borwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la thekiso
Date : 12 May 2015






