Breaking News

Tutume o aperwe ke mathata a botsogo

11 May 2015

Mooki kwa kokelwana ya Magapatona kwa Tutume, Mme Ketlhapile Keaketswe a re kgaolo ya botsogo ya Tutume e lebanwe ke dikgwetlho tse di tona tsa go ima ga banana, go tlogela kalafi ga balwetse ba ba mo diritibatsing tsa HIVAIDS le matlakala a a gasagasameng le metse bogolo jang metseto ya bana.

Mme Keaketswe o buile seo ka letsatsi la pitso ya botsogo kwa kgotleng ya Thini ka Labotlhano. A re  kgang nngwe e e ba tshwenyang thata key a bomme ba ba imang ba le mo diritibatseng  gape masole a bone a mmele a le kwa tlase ga selekanyo se se batlegang.

O ile a tswelela a supa fa ba lemogile fa bana bas a tshepi batsadi ba bone ka fa bangwe fa ba tshwerwe mogare wa HIV ba a loba ba bolela fa ba ka se ke ba bolelele motsadi ka bas a tshephe  gore ba ka tshegetsa sephiri sa botsogo jwa bone.

A gatelela ka gore se ba se dirang bana bao ke go ba direla bosigo ka kobo ka go tswang foo ba ba tlogela ka masia a bas a itseng seemo sa one sa mogare,mme bana bao ba felele bas a tseye kalafi ya bone ka bone ile ba botsogo fa ba bona mo karateng ya ngwana gore ngwana o tshwanetse go tsaya kalafi mme a tla motho yo e seng mmangwana go nna thata ntsha mosi ka sekhurumelo gape le tiro ya bone ga e ba lete go dira jalo.

Mme Keaketswe o ile a kopa batho go aga botsalano le bana ba bone le borre go tshwaraganela boimana le bomme ba bone.

Mogolwane kwa lephateng la botsogo(District Health Management Team(DHMT),mooki Mme Dineo Sisila o ile a gatelela ka go bolela fa tiriso bothatswa ja motsoko bo ile magoletsa mo kgaolong.

Mme Sisila a re go bo kgaolo e e kgatla motlhala ka go tshegetsa letsatsi la mafatshefatshe la go itima motsoko go lemogilwe fa e di goga kwa pele mo dikgang tsa motsoko le ditlamorago ga one.

Fa a itebaganya le letsatsi leo la botsogo,o boletse fa maikaelelo a pitso eo e le go kopanelka dikgang tsa botsogo le setshaba.A re ba bone go tshwanela go amogana le batho ditirelo tse ba di fang batho le go tsaya megopolo le dikgakololo mo go ba ba amogelang ditirelo tseo.O tlhalositse fa moono wa lephata la botsogo e le go tlisa ditlamelo tse di nang le boleng kwa batho gore battle ba kgone go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016,a re ba lemogile fa seo se ka seke se kgonagale fa ba kgaphetse setshaba ntle ba sena bogakolodi jwa sone .

A gatelela ka gore batho ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlamelo tse di tlisiwa kwa bone,gape le go nna ba etela dikokelo bas a lwale go fa bogakolodi le megopolo go thusa bodiredi go tlila dikgang di tshwana tsa mesuke mo mafelong a botsogo.

Mme Sisila o ile a kopa batho go bua buammaruri fa ba itekodisa ba bongaka gore batle ba ba fe thuso e e maleba ka nako e e tshwanetseng.

Batho ba Thini ba ile ba lebogela letsatsi leo,ba supa fa ba kgone go itemogela dingwe tse ba ne bas a di tlhaloganye,ba akgola badire ba kokelwana ya bone bay a Thini,ba re ke ba  maemo a ntlha ba thusa batho ka manontlhotlho.Barutabana ba dithuto tsa bogakolodi ba ne ba supa fa ba tshwere mangana ka matsogo ka dikgang tsa boimana tse di setseng di diragala kwa dikoleng tse dipotlana.Morutabana kwa sekoleng se sebotlana kwa Thini,Rre Shimmy Mahloane o boletse fa ngogola go dule moithuti wa lokwalo la boraro ka boimana a le dingwaga tse di lesome le bongwe.A kopa batsadi go nna le seabe se setona mo tlhokomelong ya bana le go ba fa bogakolodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Pitso ya botsogo

Date : 11 May 2015