Breaking News

Badirela puso ga ba duele matlo

11 May 2015

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo kwa Shoshong le tikologo ba lela ka go tlhoka go duela matlo ga badirela puso.

Fa ba lekodisa mothusa tona wa lephata la dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso, fa a ba buisa bosheng, ba kaile fa ba kolotiwa madi fela a mantsi ke badirela puso ba ba hirisitseng  matlong a bone.

Ba re badirela puso ba, ba ba busetsa kwa morago fela thata ka ba tsaya nako e ntsi ba setse dikgang tsa teng morago. Ba supile gape gore e re le tswa ba saenne di tumalano pele ga ba tsena mo matlong go sa thuse sepe ka ba kgona go fetsa dikgwedi ba sa duele.

Ba re lefa ba ka re ba tsena ka baeteledipele ba badirela puso bao, go tsaya lebaka gore ba bone dituelo tseo.

Mo go tse dingwe maloko a ne a ngongorega ka go tlola melolwane ga ba bereriki ba lenaneo la ipelegeng ba kaya fa ba tshwenngwa ke batho ba ba tswang kwa dikgaolwaneng tse dingwe go ya kwa go tse dingwe gore batle ba thapiwe.

Mongwe wa bone Rre Basibi Tibi wa kgaolwana ya Bokaa mo Shoshong a supa fa jaanong ba setse ba buisiwa dipuo tse di sa siamang ke batho ba ba tlolang melolwane ya bone bao.

Rre Tibi a re golo mo ga go a siama ka jaana ba tshwanelwa ke go tlhaola banni bao ka go bo e se banni ba kgaolong ya bone.

 Fa a motlatsa, modulasetilo wa motse wa Tobela Rre Kgwanyakgwanyang Kobe  o ne a supa fa batho bao ba kgoreletsa fela go thapa ga babereri ki bao mme a kopa setshaba le mothusa tona go ema ka dinao go tlhalosetsa banni fa mo go sa siama.

Rre Kobe a re ba tshwenngwa ke banni ba Mahalapye le Shoshong ba e reng ba utlwa fa go hirwa batle kwa motseng wa bone go tla go ikopela go tsenngwa mo lenaneong le ntswa banni ba Tobela ba ntse ba le teng.

A re bone e bile gantsi ba tsere tshwetso ya gore ga ba hire ope yo o tswang kwa ntle ka jaana ba tseela banni ba bone sebaka sa go akola lenaneo le.

Mo go tse dingwe mothusa modulasetilo wa kgotlana ya Bokaa Rre Gaseope Morwamang o ne a tlhalosa fa tiro e nngwe ya bone e le go kanoka kgaolo ya bone go lekola motse go bona gore batlhoki le ban a-le-bogole ba bona dithuso tse di ba tshwanetseng.

A re le fa go ntse jalo sebe sa phiri ke gore ba kgona go bona fa bangwe ba nale botlhoki mme ba lephata la boipelego bone b abo ba bona go sa nna jalo, ka jalo a kopa gore bogolo fa ba dira ditshekatsheka tsa bone ba tsamae le kgosi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo le mokhanselara wa kgaolo.

O ne a tlhalosa fa se, se ba ba yaka fa mosing  ka go bo o kare jaanong ke bone bas a batleng batlhoki ba go nna jalo ba tsenngwa mo lenaneong la boipelego.

Rre Morwamang one gape a kopa mothusa tona gore gakolola badirela puso bogolo jang that aba komiti ya ditlhabololo tsa motsi VET go itshwaraganya le bone le go tsenelela diphuthego tsa bone.

A re se, se ka dira tiro ya bone motlhofo ka ba thusana tiro ya nna motlhofo.

E ne ya re gole pele Mme Tshireletso a tlhalosetsa maloko gore jaanong puso e tsere tshwetso ya go ba tsenya mo molaong mme jaanong ba tshwanetse go bereka ka natla ba nna sekao mo setshabeng sa bone.

Mme Tshireletso o ne a tlhalosa gore ke bone palamente ya metse ya bone mme ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ja go bona gore ba tsamaisa ditlhabololo le merero ya metse ya bone sentle.

Le fa go ntse jalo mothusa tona o ne a kaya fa go nale maloko amngwe a a senang mowa wa boithaopo mme ba tseneletse dikomiti tse go bona dikatso fela.

A re fa o le leloko o tshwanetse wa nna le mowa wa bopelotlhomogi mo le wa boithaopo mo setshabeng mme wa bereka ka gotlhe go bona gore dikeletso tsa batho di a diragala.

O ne a ba tlhalosetsa gape gore fa ele maloko a komiti e jaana ke bone leitlho la dikomiti tshotlhe tse di mo metseng ya bone mme ba tshwanetse go bereka le tsone, komiti e tshwana le ya balemi, banana, ba-na-le bogole fa di le teng mo metseng ya bone ba utlwa matshwenyego a bone.

Mo go tse dingwe Mme Tshireletso o ne a tlhalosetsa maloko fa dikatso tsa bone di okeditswe fela jaaka tsa mmereki mongwe le mongwe wa puso, a tlatsa ka gore gape jaanong boloko ba dikomiti joo bo tsile go tsaya ngwaga tse tharo e seng tse pedi jaaka go ntse go dirwa.

O ne a kopa boeteledi pele ba motse dikgosi, dikgosana le makhanselara go bua le setshaba sa bone gore ba dirisanye le dikomiti tse ka di ba emetse.

Fa a bua ka badirela puso ba ba kolotang, Mme tshireletso o ne a tlhalosa fa go le motlhofo fela thata go tseela batho bao dikgato k aba saenne dikwalo pele ga ba tsena mo matlong.

A re go dira jalo ke molato mme ba bone gore ba dira jang ka barile puso bao, ka go bob a emisa ditlhabololo le ditiro tsa metse ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Bokopano jwa tona le dikomiti tsa ditlhabololo

Date : 11 May 2015