Breaking News

Tlhokomelang botsogo le kgodiso ya bana

12 May 2015

Batsadi ba gwetlhilwe go tlhokomela le go sireletsa ga mmogo le go tsaya tsia botsogo le kgodiso ya bana ba bone, ka go netefatsa gore bana ba bona ditlamelo tsotlhe tsa botsogo.

Fa a ema batsadi pele ka lefoko, mooki mo kokelong ya Zwenshambe Mme Segametsi Dikgang o ne a re go botlhokwa gore bana ba fiwe mekento ka go farologana ga yone mo dikgweding tse di tshwanetseng.

O buile seo kwa letsatsing le le neng le rulagantswe ke ba lephata la Botsogo ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa motseng wa Zwenshabe kgwedi eno e tlhola ga tlhano, le le neng le itebagantse le botsogo le kgodiso ya bana, bogolo jang go itebagantswe le mekento e e fiwang bana.

Mme Dikgang a re batsadi ba tshwanetse ba itse fa mekento e e fiwa bana kwa dikokelong e le botlhokwa thata mo matshelong a bone ka e thusa go ba sireletsa mo malwetsing mangwe a a ka bakang ditlamorago tse di sa siamang mo ngwaneng.

A re fa ngwana a le monnye, mmele wa gagwe ga o kgone go itwela mo malwetsing, ka jalo mekento eo ke yone e mo thusang mo go lwantsheng malwetsi.

Letsatsi leo, le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Mokento, mpho ya botshelo’, le ne le tsenwe ke batsadi ba metse ya Zwenshambe, Mulambakwe, Mosojane, Masunga, Letsholathebe le Vukwi.

Mme Dikgang o tsweletse a tlhalosa fa ngwana yo o sa fiwang mekento mengwe a le borai mo matshelong a bana ba bangwe, ka a kgona go amiwa ke bolwetsi bongwe jo a sa bo kentelwang mme e le jo bo tshelanwang, ka jalo go nne le kgonagalo ya go bo tshela ba bangwe.

Le fa gontse jalo, Mme Dikgang o ne a re batsadi ba tshwanetse ba itse fa go na le kgonagalo ya gore ngwana a amiwe ke bolwetsi bongwe lentswa a bo kentetswe, ka jalo go le botlhokwa gore ba sireletse bana ba bone ka gotlhe mo ba ka go kgonang. 

Fa nankola maikaelelo a letsatsi leo, mooki gotswa kwa kokelong ya Masunga, Mme Nchidzi Mokoka o ne a tlhalosa fa e le go lemotsha sechaba ka tlhokomelo ya bana le itse ka botlhokwa jwa ditlamelo tsa botsogo tse di tshwanetseng go fiwa bana go ba dibela mo malwetsing a a farologaneng.

A re maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa ba-na-le seabe botlhe mo kgodisong ya bana go nna le seabe le go pataganela kgodiso ya bana ga mmogo le go itse ditlamelo tsa botsogo tse di fiwang bana, a re boikarabelo joo, ga e a tshwanela go nna jwa bodiredi jwa lephata la botsogo fela.

Mme Mokoka o tsweletse a re e re ka jaana bana e le bone bokamoso jwa setshaba, ba tshwanetse ba tlamelwa ka tsotlhe tse di tshwanetseng ba sale ba nyenyane.

Modiri gotswa mo lephateng la botsogo mo kgaolong, Rre Nchengeti Ookeditse o ne a gakolola batsadi go ele tlhoko seemo se se tshwenyang sa go tlhaela ga dikotla mo baneng, a ba kopa go tsaya tsia dikgakololo tse ba di fiwang ke bodiredi jwa botsogo mabapi le kgolo ya ngwana.

A re e re le ntswa puso e leka bojotlhe go thusa mo kgodisong ya bana ka metlhale e e farologaneng, go balelwa le gone go phakiwa ga dijo tsa bana kwa dikokelong, fela go a tshwenya ka jaana go na le batsadi bangwe ba ba santseng ba na le mokgwa wa go sa diragatseng ditaelo tsa mananeo mangwe a a ka thusang go tokafatsa seemo sa ngwana, mo ngwana a felelang a latlhegelwa ke botshelo tota.

Rre Ookeditse o tlhalositse fa mo baneng ba ba kalwang mo nakong eno kwa metseng ya Masunga, Zwenshambe, Mosojane le Mulambakwena go na le bana ba le masome a matlhano le boferabongwe ba ba tlhaelang dikotla.

Mongwe yo neng a le teng kwa tirong eo, ke modiri gotswa kwa lekgotleng la mafatshefatshe la botsogo, Mme Bakanuki Nfila, yo o kopileng batsadi go tsaya dithuto tse ba di amuleng ka tlhwaafalo, a re ba itse fa kgolo le botshelo jwa bana di le mo diatleng tsa bone.

Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa ba le sego ka jaana puso ya lefatshe leno e itlamile go tlamela bana botlhe ka ditlamelo tsotlhe tse di tshwanetseng tsa botsogo, a re fela go ngomola pelo ka jaana batsadi bangwe ba sa sole molemo ditlamelo tseo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Letsatsi la dithutuntso

Date : 12 May 2015