Mokhanselara o abela ba-na-le bogole
11 May 2015
Baithuti ba ba nang le bogole kwa sekolong se se botlana sa Ratsie Setlhako kwa Palapye ba abetswe dibuka tse di balwang, tse go kwalelwang mo go tsone, dipena, metako, dipensele le dibaebele mongwe mongwe wa bone.
Baithuti ba ne ba abelwa ke mokhaselara wa kgaolwana ya Maphula legare, Rre Molefhane Tseladikae.
Rre Tseladikae a re ka e le morongwa wa bone kwa khanseleng, ke maikaelelo le kekeletso ya gagwe go itebaganya le kgwetlho e e lebaneng ba-na-le-bogole, ka le bone fela jaaaka mongwe le mongwe ba na le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.
O ne tlhalosa fa go tshwanela gore e re pele ga tebelopelo ya setshaba e ya bokhutlong le ene abo a nnile le seabe mo go yone ka go itebaganya le letshego la go aga setshaba se se lerato le kutwelo botlhoko.
O ne a kopa batsadi gonna le seabe mo go thuseng ba-na-le-bogole, go na le go baitlhokomolosa a re ke bone ba batlhokang thuso go feta ba ba baitekanetseng ka bone basena boitiro le bokgoni jo bokalo.
E rile a amogela dimpho tseo, mogokgo wa sekolo seo Mme Mpho Ofetotse a re batho baba tshwanang le Rre Tseladikae ba a tlhokega mo setshabeng. A tswelela ka go gakologelwe le go lebogela ba Kopano Foundation, Stanbic, Barclays le First National Bank ka le bone ba kile baba abela dimpho.
Mme Ofetotse o ne a buwa ka pelo e e botlhoko ka letlhoko la matlo a borutelo mo sekolong sa bone,o ne a tlhalosa fa baithuti ba le masome a mararo le bosupa (37) ba tsena mo ntwaneng ya borutelo e le nngwe, mme ka tshwanelo ntwana ya borutelo e tswanetse go tsena bana ba supa fela.one a kopa gore makalana a a farologaneng le morafe ba ba thuse ka didirisiwa tse di farologaneng gore ba fitlhelele bokamoso jwa bana ba.
Mogolwane wa thuto wa kgaolwana potlana ya Palapye Rre Motshegetsi Gorileng o lebogiIe barutabana le batlhokomedi ba bana ba sekolo ka tiro e e ntle e ba e dirang le lorato le ba le neelang baithuti.O ne a tswelela a leboga mokhanselara Rre Tseladikae ka lebole le lorato le a nang le lone mo bathong ba a baemetseng kle ba eseng ba kgaolo ya gagwe tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onneile Magosi
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 11 May 2015






