Breaking News

Ba batla Tautona a ba etela

11 May 2015

Banni ba metse ya Mokungwane, Matlhakola le Maape mo kgaolong ya Tswapong ba kopile Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go etela metse ya bone.

Ba ne ba bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Philip Makgalemele, bosheng. Banni ba re ba nyoretswe goreTautona a ba lekole mo metseng ya bone a bo a ba fa dimpho.

Ba re ba tshela ba mmona kana ba utlwa fa a etetse metse e mengwe ka jalo o tshwanetse a ba lekole a tle a utlwe matshwenyego a bone. Ba ne ba kopa Rre Makgalemele go ba kopela Tautona go ba lekola.

Mo go tse dingwe banni ba ne ba bolela fa ba ne ba lemile mme ba sadile ba itshophere fela ka temo ya bone e sa atlega. Ba re bothata jo ba neng ba bo itemogela ke letlhoko la digogi, letsatsi le lentsi, pula e e boutsana le go tlhoka go lemelwa sentle ke bo raditerekere.

Kgosi Sekolomane Mothobi wa Matlhakola o ne a ikuela mo pusong go bona gore balemi ba thusiwa jang ka ba ne ba lemile mme ba sa tswa ka sepe. A re ba tsile go bolawa ke tlala.

O ne a kopa gore puso e sekaseke gore a motse wa bone o ka seke o nne le molemisi ka ba thusiwa ke molemisi wa motse wa Lecheng mme go tsaya nako gore a ba thuse.

Kgosi Mothobi o tsweletse a re puso e kgaratlhela Batswana ka mananeo a a farologaneng mme fa go tla nako ya gore a isiwe kwa go bone e nna bothata. A re go na le bangwe ba ba saleng ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehumo mme ba ise ba simolole mananeo a go itshetsa.

Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Makgalemele o ne a bolela fa puso e itemogetse fa Batswana ba amilwe ke leuba ntateng ya dijwalo tse di neng tsa lengwa mme pula ya nna boutsana.

Ka jalo a re puso e dira ditshekatsheko tsa go bona gore Batswana ba ka thusiwa jang ka ba sa bona thobo e e nametsang fa bangwe ba sa bona thobo gotlhelele.

O ne a gakolola balemi go sekaseka gore a ba ka seke ba leme palo ya ditema tse di lekanetseng ba lema ka ditselana gore ba kgone go di tlhokomela sentle go na le go lema ditema di le dintsi go bo go nna dingalo go di tlhokomela.

A re banni ba tshwanelwa ke go sekaseka ditshono tsa dikgwebo di tshwana le go rekisetsa ba ba thusiwang ka dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. A re thuo ya dihutshane e na le ditshono tse dintsi ka go na le letlhoko le lentsi la dihutshane. 

Rre Makgalemele o ne a re go tla a fefosiwa dithuso tsa ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma ka go ne ga lemogiwa fa go nnile le tiego mo go neeleng ba ba tshwanetseng mananeo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 May 2015