Breaking News

Bojanala bo ikaegile ka tikologo

12 May 2015

Mookamedi wa Phiri Tourism Consortium, Rre Tebogo Phiri, o kopile Batswana go tlhokomela tikologo a kaya fa bojanala bo ka se nne teng ntleng le tikologo.

Rre Phiri o buile se kwa Tsabong mo thutapoisanong ya bosheng e e neng e itebagantse le go tlhokomela tikologo le tlhabololo ya bojanala, e e neng e rulagantswe ke lekalana la  Phiri Tourism Consortium le kopane le lephata la tikologo, diphologolo tsa naga le bojanala.

O ne a tlhalosetsa batsenelela thuto puisano e fa bajanala ba okiwa ke tikologoe e ntle le makgabisanaga go etela lefatshe le Botswana,mme se se felele se godisa itsholelo ya lefatshe ka bajanala ba duelela ditirelo di tshwana le boroko,mosepele le gone go tsena kwa mafelong a diphologolo tsa naga(Parks and Game Reseves).

Godimo ga moo rre Phiri a re fa tikologo le diphologolo tsa naga di ka somarelwa,go ka oketsa dipalo tsa bajanala ba ba etelang lefatshe leno,mme se se reele gore go nna le koketsego ya dikgwebo tse di farologaneng di tshwana le tsa boroko le mesepele tse di ka thapang Batswana.

Phiri o ne a gatelela fa itsholelo ya Botswana e ikaegile ka bojanala,a re sesupo sa gore bojanala bo busetsa lefatshe leno se rurifadiwa ke dipego tsa itsholelo ya lefatshe leno tse di supang fa bojanala bo lemo maemomong a bobedi a dingwe tse di tsholetsang itsholelo ya lefatshe di  latela diteemane tse di di gogang kwa pele.

Mookamedi wa Phiri Tourism Consortium o kaile fa tikologo e e ntle e e okang bojanala e tsalwa ke maiteko a Batswana mo go somareleng le go tlhokomela tikologo ya bone.

O ne a akgola Batswana ka tiro e mme a ba kopa  go tsweledisa tiro e e ntle e a ba tlhagisa gore ba ikgaphe mo go tsomeng diphologolo tsa naga,go tshuba naga le mo kgotlhelesegeng tikologo.

Mookamedi wa Phiri Tourism consortium o nea kaya fa se se ka nonotsha bojanala pheletsong itsholelo e gole mme go thuse mo go nyeletseng lehuma,letlhoko la ditiro le borukutlhi  a kaya fa borukutlhi bo bakiwa le lehuma le go tlhoka go bereka.

Rre Phiri o kaile fa ba tshwara dithuta puisano mo mafelong a le lesome le boraro mo lefatsheng la Botswana go tsibosa merafe ya mafelo a ka bomosola jwa go somarela le go tlhokomela tikologo le go tlhabolola bojanla go tswakanya itsholelo.

O ne a tswelela a tlhalosa fa ba ne ba bonye go le botlhokwa go tlisa molaetsa o mo Kgalagadi ba lebeletse gore Kgalagadi o nale mafelo le ditiragalo tse di ka okang bojanala a fa sekai ka metlhaba,mafelo a diphologolo a Kalahari Transfrontier Park le Mabuasehube,moletlo wa Khawa Dune Challenge le moletlo wa mmino wa Polka oo rategang thata.

Godimo ga moo,o kaile fa thuto puisano e e ka thusa banni ba Kgalagadi go tsaya tsia le go tlhabolola tshomarelo ya tikologo le ngwao tse di ka okang bojanala mo kgaolong le lefatshe la bone ka go ka ba sologela molemo go ba tlhamela dikgwebo le ditiro.

Fa a ntsha la gagwe mogolwane mo lephateng bojanala rre Lawrence Peloewetse o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le itlamile go oketsa maduo a mantle a bojanala le go fokotsa ditlamorago tse di sa siamang tsa bojala di tshwanang go kgobokana mo lefelong le lengwe ga ba bajanala ba le bantsintsi ka dinako tse dintsi(mass tourism).

Mogolwane mo lephateng la bojanala o ne gape a tlhalosetsa batsenelela thuto puisano e ka dikgwebo tsa bojanala tse ba ka inaakanyang le tsone di akaretsa maroko,disafari tse di fudisiwang,tsa mesepele,le go supegetsa bajanala(tour guiding) le gore go tlhokega eng go  simolodisa dikgwebo tse.

Peloewetse o supile tshwenyego ka seemo sa bojanala mo Kgalagadi Borwa,a kaya fa lefatshe le le lentsi le go go direlwang dikgwebo le ditiragalo(activities) tsa bojanala mo go lone mme boeteledipele le banaleseabe ga ba dire megopolo le maano(strategies)ape a go ka tsibosa le go thusa morafe wa Kgalagadi go dirisa tshono e ya lefatshe le le ntsintsi go dira dikgwebo tsa bojanala tse dika ba busetsang.

O ne a lela gape ka bajanala ba ba ikgweetsang fa ba tla mo kgaolong ya Kgalagadi a kaya fa ba duela fela kwa dikgorong tsa mafelo a diphologolo mme se se beye ba dikgwebo tsa maroko ka fa mosing,gape go paledise kwebo ya mesepele ya bajanala(travel and tours).

A re seemo se se tlhoka gore se baakangwe ka Kgalagadi a sa boelwe mo go kalo mo bojanaleng mme bajanala ba etela lefelo le kgapetsakgapetsa.

O ne a tshwantsanya Kgalagadi le kgaolo ya Chobe mme a supa fa kgaolo ya Chobe e boelwa mo bojanaleng ka go nale tsamaiso ya gore bajanala ba rulaganye(make bookings) pele ga ba etela kgaolo e mme ba dirise ba bo ba duele ditirelo tsa dikgwebo tsa maroko le mesepele ya tsa bojanala(travel and tours). 

E re le fa go ntse jalo rre Peloewetse a re lephata la gagwe le mo thulaganyong ya go dira ditogamaano(policy making) tse di ka tlhabololang bojanala gape tsa lwantsha diemo tse di kgoreletsang bojanala mo lefatsheng la Botswana.

O ne a  kopa ba kgaolo ya Kgalagadi  go dirisa ofisi ya lephata la gagwe go anywa dithuto ka tsa bojanala a re se se ka ba lemotsha ditshono tsa bojanala tse  di ka tlhabololang matshelo a bone.

Rre Mmoloki Moilwa yo o leng mogolwane mo lephateng la Botswana Qualifications Authority(BQA),o ne a tlhaletsa batsenelela phutego e, fa seabe sa lephata la bone e le go tlhatlhoba,go tlhabolola le tlhomamisa fa ba ba ithutetseng ditiro le ba ba nang le talente ba nale bokgoni jwa go ka tsena mo madirelong ba bereka.

O ne a kaya fa gape fa ba dirisana le ba dikole ba di tlhatlhoba go rurifatsa gore mme ba neela baithuti thutego e enang le boleng gore fa ba theogela ba kgotsofatse bahiri le bone bareki ba ditirelo tsa bone.

Godimo ga moo,mgolwane wa BQA o supile fa lekalana la gagwe le dirisana le bahiri le bagwebi go utlwa ka tse ba di batlang mo go ba ba ba thapang le ditlhabololo tse di ka dirwang,a re se nale mosola ka se tlisa bothakga le botswerere mo tirong mme go kgotsofatse le bone ba dirisang ditirelo tsa dikgwebo le madirelo a mangwe.

Moilwa o ne a tlhalosa fa thulaganyo e ya bone e nale seabe se segolo mo go tokafatseng bojanala ka tsamaiso ya BQA e dira gore baberki ba madirelo a bojanala ba dire tiro ka bonokopila mme ba kgotsofatse bajanala,se se dire gore ba itumele ba boe ba etele mafelo a bojanala mo Botswana ebile ba laletse le ba bangwe go etela lefatshe leno.

Mongwe wa banana ba neng ba tseneletse thuta puisano e me Botlhe Bailelwang o ne a leboga Phiritourism Consortium le maphata a mangwe ka dithuto tse ba di ba fileng a re di ka ba tiisa moko go ikemela ka dinao ba somarela tikologo ebile ba inaakanya le dikgwebo tsa bojanala ntleng le go belaela.

Mme bailelwang o ne a gakolola banana go dirisa mananeo ba inaakanyana le dikgwebo tsa bojanala.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : TSABONG

Event : Thuto-puisano

Date : 12 May 2015