Dikgomo tse di lwalang ga di kake tsa bolawa
10 May 2015
Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o boleletse banni ba Mabudzani mo kgaolong ya gagwe gore ga gona dikgomo tse di tlaa bolaiwang di sena go tshwarwa ka bolwetse jwa tlhako le molomo.
O buile se mo phuthegong ya kgotla ya loeto la gagwe mo kgaolong eo bosheng, mme a re puso e tlhomamisitse se, a bo a supa fa go bonwe molemo o o ritibatsang bolwetse ja tlhako le molomo mo dikgomong.
Rre Guma o ne a tlhalosa fa bothata fela e tlaa nna gore dikgomo tse ga di na go rekisiwa kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) ka bareki ba nama kwa mmarakeng wa mafatshe a Europa ba ka seke ba e reke.
A re banni ba kgaolo e, ba tshwanetse ba amogela go tshela le bolwetse joo, a bo a re ga bo farologane gope le bolwetse ja AIDS ka go lebega bo tlaa tswelela bo itshupa kgapetsa kgapetsa.
Mopalamente a re mogopolo o o duleng go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore puso e kgaoganye kgaolo ka bogare go kganelela bolwetse mo ntlheng e le nngwe go na le gore bo phatlalale le kgaolo yotlhe.
O tsweletse a re mogopolo o mongwe o o neng wa tswa e ntse e le go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore go akanyediwa gore go dirwe masimo go bapisa molelwane go dira gore go seka ga nna bonolo gore leruo le tlolele ka kwa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe.
A bo a tlhalosa fa sekidi sa lefatshe leo e santse e le sekgwa fela se se ka nna sekgele sa dikhilomithara di ka feta makgolo a heta borobabobedi.
Rre Guma a re se se ngomolang pelo ke gore dikgomo tsa Batswana fa di tlolela kwa Zimbabwe di a bolaiwa fa lefatshe leno lone le sa bolae tsa barui ba lefatshe la Zimbabwe fa di tloletse kwano.
Mo kgangnnyeng e nngwe, Rre Guma o ne a ikuela gore Batswana ba seka ba rekisa masimo ka a re lefatshe le tlhokwa bobe. A re go tla tiro e tona ya temo ya sonobolomo e e tlaa tlhokang lefatshe ka jalo masimo a bone a ka tla a ba sologela molemo thata gore le bone ba kgone go dirisa sebaka seo go dira madi go ka itshetsa.
Rre Guma a re tsholofelo ke gore go tle go ntshiwe ditone tse di ka tshwarang dikete di le makgolo a le lesome le bobedi (120 000) ka ngwaga.
A re dipatlisiso di supile fa ekere e le nngwe e ka busetsa molemi dipula di le dikete di le tlhano mme a supa fa e tlaare lenaneo le le le gaufi, go tlaatla barutuntshi ba ba tlaa tlhalosang gore sonobolomo e lengwa jang.
O ne a supa fa ba sa tshwanela go belaela bokgoni jwa bone go ka lema sonobolomo ka go se dingalo e bile e sa tlhoke metsi a mantsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratagaone Madome
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2015






