Breaking News

Komiti e tshegeditse moono

10 May 2015

Komiti ya ipabalelo tsele ya kgaolo potlana ya Boteti  mo Letlhakane ene e tshegeditse moono wa boraro wa mafatshe mafatshe  global road safety ,o o neng o tlhomilwe bosheng.

Moono o  o dirilwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng” BANA LE IPABALELO TSELENG”,se maikaelelo a sone ele go nnetefatsa gore mo go yone beke e ga gone le ngwana ope o amegang  mo dikotsi  tsa tsela,ka jaana mafatshe a tshwentswe ke dikotsi  tse dintsi tse di gapang  matshelo a batho go akarediwa le bana.

Komiti  ya ipabalelo tseleng  ene  ya  diragatsa moono o ka go etela  dikole tse di botlana  di le tlhano  tsa motse wa  Letlhakane  go ya  go ruta bana ka ipabalelo tseleng .

Mothusa modulasetilo wa komiti e o Supritendent Modiredi Khumo o supile mafatshe a tshwentswe ke dikotsi  tsa tsela  tse mo go tsone  batho ba tlhokafala bale 186.000  ngwaga le ngwaga, mme batswa ka maano a Decade Action Action ya ipabalelo tseleng  ya  2011-2020 ya lenaneo la go somarela matshelo a le dimilone dile tlhano lefatshe ka bophara.

Supritendent Khumo a re setlhogo se sa Bana le Ipabalelo Tseleng se dirile ka go lemogile gore bana ba amega thata , e bile ba  mo diphatseng  tsa  dikotsi  tsa tsela ka go farologana, mme thuto le yone e  tlhaela mo go bone.

Ba ne ba tswa ka maana a le lesome a ka o ne bana baka babalesegang mo ditseleng,a akaretsa dikoloi tse dirwalang  bana ba dikole tse dibabalesegileng,pabalesego ya badirisi ba tsela,go fokotsa lobelo ,go dirisa di helemete,mabante a pabalesego,ditilo tsa bana ba banye, go dira dikoloi tse babalesegileng le mafelo a a siametseng  go tlhokomelela ba ba gobetse.

Supritendent Khumo o ne a ruta bana kafa ba tshwanetseng ba dirisa tsela ka teng ga mmogo le melato ya tsela   ,a supa jalo ka matshwao a tsela a makgabaganyo  a tsela a batsamaya ka dinao,tiriso ya dibaesekele ,dikotsekara le gore ba apare mmebala ee ntseng jang fa ba tsamaya fa thoko ga tsela bosigo.

O ne gape a bolela bana gore go tlhoka go dirisa tsela  sentle jaaka go tshamekela mo tseleng  ke molato.

O tsweletse a re bana ba tshwanetse go tsameka ,go tsamaya ,le goya sekoleng  ka dibaesekele ba babalesegile.Supritendent Khumo o bile a kgothatsa barutabana  go aga mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikolong ,e a reng ba lekalana  la  Motor Vehecle Accident (MVA)ba a e rotloetsa  e bile ba e thusa ka lemmenyana. 

Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Supang mme Onalenna Mfuma o supile fa dithuto tsa komiti ya ipabalelo tseleng  dile mosola thata mo go bone ga mmogo le bana ,a bolela fa batla sala ba ditsweledisa gore di age mo baneng.

Mme Mfuma a re Setswana sa re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwe ka jalo a re mongwe le mongwe oa amega mo ipabalelo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Tsatsi la ipabalelo tseleng la mafatshe fatshe

Date : 10 May 2015