Breaking News

Bakgatla ba amogela ditlhabololo

10 May 2015

E re ka jaana kgaolong ya Kgatkeng e saletse ko morago mo ditlhabololo di tshwana marekisetso a matona  le tse dingwe go lebega seemo se o se tla fetoga mo ngwageng wa 2015.

E ne ya re go simolola ngwaga o o fetileng ga supega fa seemo se tla tokafala mo ngwageng wa gompieno ka jaana ditlhabololo di simolotse go tla ka monokela.

E ne ya re ka Labone (Motsheganong 7) babeeletsi bangwe ba tshwara phuthego ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Mochudi go itsise Bakgatla ka maikaelelo a bone a go aga marekisetso a matona (shopping mall) le fa go tshelwang leokwane teng kwa Raserura mo Mochudi.

E rile a rola tekodiso ka maikaelelo a go aga marekisetso ao, moemedi wa babeeletsi bao Rre Christian Phaladze go tswa ko komponeng ya CPM Architects a tlhalosa fa go le botlhokwa e bile e le tsamaiso ya puso go rerisana le sechaba fa go tla dikago tse ditona tse di tshwanang le marekisetso ao.

A re marekietso ao a ya go lopa madi a a fetang P60 million mme a tla bo a na le dishopo di ka tshwara masome a mabedi le boferabobedi. Rre Phaladze a re dikago tse di solofetswe go tlhama ditiro mo bananeng ba kgaolo ya Kgatleng e bile le tsone dikopmpone tsa mo gae ditla bona ditiro fa marekisetso ao a simolola go agiwa.

E rile Bakgatla ba ba kwa dikgaba ba supa fa basa bolo go nyorelwa ditlhabololo tsa mofuta oo e bile kgaolo ya bone e saletse kwa morago mo ditlhabololong. Rre Morake Ntshole a re go botlhokwa thata gore motse wa bone o bone tlhabologo ka go tsere sebaka go sena nko e tswang lemina.

O ne a ntsha ngongora ya gore mo nakong e e fetileng ba solofeditswe dikago dingwe mme nako kgolo ke eno a laela kopone eo gore ba seka ba ba tshepisa go aga marekisetso ,mme ka moso ba tsene ka gareitse.

E rile a mo tlatsa, Rre Ntsi e tala Mabodisa o ne a supa fa nako e tsile gore motse wa Mochudi o tshwane le metse e mengwe. O ne a kopa Bakgatla ka ene go letlelela tlhabologo eo go nna mo motseng wa bone mme a supa fa go le botlhokwa go seegela kwa tlhoko dikgang tse di sa iseng motse wa bone kwa pele mme ba letlelele dikago tsa marekisetso ao.

Bakgatla ba ne ba nna mowa o le mongwefela gore a dikago tsa marekisetso ao di seka tsa diega jaaka bangwe ba setse ba dirile ka gore di ya go ba tswela mosola le gone go kgaola mosepele wa go latlela marekisetso kwa motse mogolo Gaborone.

E re dikgang di eme jalo, go setse go agiwa marekisetso a mangwe kwa Pilane mme khansele ya Kgatleng le yone e mo tseleng ya go aga marekisetso a dishopo le maemelo a dipalamo fa gare ga Rasesa le Pilane.

Sepatela sa Mochudi le sone se ya go agiwa ntlheng eo mme e bile go solofetswe gore mo tsamaong ya nako lephata la matlo la Botswana Housing Corporation le lone le age matlo a a tlileng go fetola tebego ya metse ya Morwa, Pilane le Bokaa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2015