Breaking News

Maikutlo a farologane ka molao wa matimela

10 May 2015

Banni ba Tsabong ba supile megopolo ee farologaneng mabapi le molao kakanyetso wa matimela fa bane ba buisana le mothusa tona wa selegae le tlhabololo matshelo a batho Mme Botlogile Tshireletso.

Fa a ema phuthego eo ya kgotla ka lehoko mothusa tona o supile fa go akanngwa gore nako e dikgomo di e nnang kwa masakeng e hokodiwe mme e nne kgwedi tse tharo hela ka gore barui bangwe bare dikhansele di sotla dikgomo tsa bone hadi isitswe kwa matimeleng le gore barui ba tlaa letlelelwa go tsaya leruo lwa bone letsatsi pele ga thekiso ya palabalo gareng gatse dingwe.

Bangwe ba supile fa molao kakanyetso o mosha oo o siame fa ba bangwe bare ga wa siama ka jaana oka rontsha batho diruiwa tsa bone.

Mongwe wa barui Rre Tshipietsile Mothelesi o tlhalositse fa ene a dumalana le molao kakanyetso oo bogolo jang tsetlana ya gore dikgomo di seka tsa nna lobaka mo masakeng a khansele ka gore puso e helela e dirisa madi a mantsi godi tlhokomela.

A re se se kaha khansele sebaka sago dirisa madi aba ntseng ba tlhokomela dikgomo tsa matimela ka one go dira ditiro tse dingwe tsedi ka solegelang Batswana molemo.

Mme Monica Ntau ene one a supa gore matimela a neelwe khansele le ba lephata la matlhoko a leruo ka gore ditshipi tsotlhe di kwadisitswe mme goka nna motlhoho go bona monngwa kgomo haba dira mmogo.

Ba bangwe bane bamo tlatsa ka gore ha ale kwa khanseleng aka solegela batho molemo ka jaana aka thusa mo letlhokong la ditiro. Mothusa tona one a akgola dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse oo a supa fago lebega dina le seabe mogo tlhabololeng motse le matshelo a batho.

A re go lebega ha dikomiti tseo dina le tebelopele ebile disa emele go ntsha dingongorego hela mo pusong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2015