Breaking News

Ditsheko tse di amang bana di batla tlhwaafalo

10 May 2015

Ba na le seabe mo dithothomiso tsa ditsheko tse di akaretsang kgokgontsho ya bana ba kopilwe go dira tiro ya bone ka botswa pelo.

E rile a buisa ba tsena thuto seka dipuisano ka molao wa bana (Children’s Act) e e rulagantsweng ke ba Ofisi ya Maun Administration Authority ya Boipelego, Makaseterata, Mme Phandliwe Taka o ne a gwetlha ba tsaya karelo go dira tiro ya bone ka thwaafalo go lwantsha kgokgontsho ya bana.

Mme Tlaka o tlhalositse fa bo makaseterata ba le tshoso e rweleng fa dikgetsi tsa mohuta oo di le kwa kgotla tshekelong.

O buile gape a kop aba sepodisi gore ba se amogele go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho ya ban aka mabaka a gore di buiwe kwa malwapeng, a re ba di tseye motlhala bogolo di pale di le fa pele ga lekgotla tshekelo.

O supile fa go buiwa ga dikgetsi kwa malwapeng go baya bana ka fa mosing k a ba sa kgone go ipuelela ba lebane le bagolo b a ba kgokgontshi. Mme Tlaka o ne gape a re barutabana ba bogakolodi le badiri ba boipelego le bone ba dire tiro ya bone ba itse ba dira seo go sireletsa bana.

O ne a tlatsa ka gore ditsheko tsa bana di tla a tlokahala ka go na le tekeletso ya go dirisa boranyane jwa ditshwantso tsa motshikenyego (video conferencing). Mme Tlaka o supile fa tekeletso eo e e dirwang kwa Maun le Gaborone e ka tlokafatsa ditsheko tsa dikgetsi tsa bana fa e ka atlega.

A re go le gantsi ban aba palelwa ke go fa bosupi kwa lekgotleng le fa go dirwa maiteko a go fetola selebego sa kgotla tshekelo, a re ban aba tshosiwa ke go fa bosupi ba dira melato ba le foo.

Fa ba akgela, ba tsena phuthego eo ba ne ba supa fa go na le bothata ja gore dikgetsi tse ba di begang di felela mo tseleng, tse dingwe gotwe ga gona molao oo lebaneng go ka sekisa mmelaelwa.

Ba supile fa ba tshwenngwe ke dikgetsi tsa bagolo b aba tlhakanelang dikobo le ban aba dikolo b aba dingwaga tse di magareng ga lesome le borataro le lesome le boferabobedi ka borre bao b aka se sekisiwe ka bana bao ba se kwa tlase ga molao wa ban aba ba ko tlase (defilement).

Rre Molatedi Monthe wa ofisi ya Boipelego mo Maun o ne a tlhalosa fa molao wa bana (Children’s Act) o na le di kotlhao tse di maleba go bakgokgontshi ba bana.

O boletse fa melato e tshwanang go ruta bana ditagi, manyalo a a patelediwang ke batsadi, go tsenya bana mo tumelong le ngwao tse di sa siamang di ka atlholelwa magareng ga ngwaga tse supa le lesome kgotsa madi a dikete tse masome a mararo go masome matlhano.

Thuto seka dipuisano eo e ne e rulagantswe ke ba ofisi ya boipelego go tsibosa ka molao wa bana (children’s Act). Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Thuto puisano

Date : 10 May 2015