Banni ba batla tsela ya masimo
10 May 2015
Kgosi Ramonananyana Bolebano,o boletse fa ba sa le ba kopa gore ba bulelwe kgoro mo tseleng ya masimo ya Mokgosi, ka gore ga ba na fa ba tlolang teng fa ba ya masimo, ba tshwanelwa ke go ya kwa Otse, ba bo ba boela kwa morago ka ntlha ya go tlhoka heke fa seporong.
Mafoko a, a dule kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya Goo Kobue kwa Ramotswa, e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo Rre Samuel Rantuana.
Erile a lekodisa ka tsa ditlhabololo tsa motse modulasetilo wa VDC Rre Effie Kereng, a tlhalosa fa ba tshwenyegile ka ntlha ya ditsela tse ba di solofeditsweng tsa mo motseng, a bolela fa itsholelo e supagala fa e tokafala, mme go le botlhokwa gore di dirwe.
O boletse gape fa mafuti a metsi a kgopho ya metsi a a leswe, e a tshwenya ka e sale e epilwe, mme go sa supagale fa a tlaa tsweledisiwa.
O tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke ba kompone ya Water Utilities Corporation, ka gore ga ba ke ba ba tlhalosetsa fa metsi a tlaa kgaolwa, selo se se dirang gore batho ba nne malatsilatsi ba sena metsi.
Rre Kereng o boletse fa ba tlhoka matlwana a boitiketso mo dikgotlaneng tsa bone, a bo a tlhalosa fa a tshwenngwa ke magodu a a thubang ofisi ya bone ya VDC, selo se a tlhalosang se ba busetsa kwa morago.
Mopalamente Rre Samuel Rantuana, o ne a tlhalosa fa ba dumalanye kwa palamenteng gore ditogamaano tsa bolesome di tswelele ka ngwaga, ka jaana ba batla tebelopele e ntsha ya setshaba ya ditogamaano tsa lesome le bongwe.
O boletse fa lekgetho la VAT le ntshitswe mo dijong dingwe jaaka phaleche, setampa, borotho, sukiri le mashi, a bolela fa sebe sa phiri e le gore ga go na yo o elang seemo tlhoko gore molao oo o a diragadiwa.
O boletse fa mo go tse dingwe, palamente e dumalanye gore kereke e kwadisiwe ka batho ba lekgolo le masome a matlhano. Bokhutlo.
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2015






