Batswana ba rotloediwa go ikemela ka dinao
10 May 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Nkange e bile e le tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batshu o kgotlhaditse banni ba motse wa Mmadinare go ikemela ka dinao ba seka ba baa gore tiro ya go epa masimo e ka dirwa fela ke ba tswa kwa.
A re se ke sone se se rotloetsang gore ba bo ba tlhapa batho ba sena teseletso ya go bereka mo lefatsheng la Botswana.
Tona Batshu o ne a bua se kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmadinare maabane,ko gape a neng a tlhalosa gore go molato go fitlhela motho a tlhapile motswakwa a sena teseletso ya go bereka a re motho wa go nna jalo o ka tseelwa dikgato tse di maleba.
Tona o ne a tswelela a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya boikarabelo ja gore melao ya lefatshe e a obamelwa. One gape a tlhalosa gore ngwana mongwe le mongwe yoo tsholwang o tshwanetse go kwadisiwa kwa go ba lephata la matsalo a re se se thusa thata mo go diragatseng ditlogamaano tsa lefatshe go itse gore ba ka thusiwa jang mo go tsa botsogo le thuto.
Erile a ama tsa lephata la Omang, Rre Batshu a re Batswana ba fleets mo dikgolegelong ka lebaka la go direla batho ba eseng ba lefatshe la Botswana Omang, a kopa Motswana mongwe le mongwe go nna le boikarabelo jwa gore batswakwa ga ba direlwe bo Omang a tlhalosa gore go tshwanafela le yone pasa ya mosepele e tshwanetse go tlhokomelwa ka nako tsotlhe.
Tona o tsweletse a tlhalosa gore go na le molao o Batswana ba santseng ba tsietsega ka one o o tlhalosang ka boagedi jwa lefatshe .
A re fa ngwana a tshotswe ke batho ba mafatshe a a farologaneng, mongwe wa motsadi a tswa mo Botswana, ngwana wa go nna jalo o na le boagedi ja mafatshe a ma bedi go fitlhela a tshwara dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe ke gone a ka ikgethelang gore o tsaa boagedi ja lefatshe le a le batlang.
Tona Batshu o tsweletse a re gagona motswakwa yo o tshwanetseng go fiwa teseletso ya go bereka a na le dikitso tse ngwana wa Botswana a nang natso a re o ka fiwa teseletso fela fa ana le dikitso tse ngwana wa Motswana a senang natso.
Kwa bokhutlong, o ne a rotloetsa morafe gore nako tsotlhe ditumalano di tshwanetse go dirwa go itsa dikgogakgogano tse di ka nnang teng a re bogolojang bo mme ba banyalanang le batho ba eseng Batswana a re famotho a filwe boagedi ga gona ka fa a ka bo amogiwang ka teng.
Erile ba mokgwa dikgaba banni ba motes wa mmadinare ba amogela se tona a ne a se ba bolelela. Ba ne ba tlhalosa gore bat la diragatsa molao go kgala go hira batswakwa ba sena diteseletso. Mo go tse dingwe ba ne ba bua ba sa kgale mathe ka ditlou tse di ba tshwenyang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selibe Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2015






