Bagodi ba Mahalapye ba batla mananeo
10 May 2015
Bagolo ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba kgaolwana ya Mahalapye Bophirima, mme ba ise ba amogele madi a bagolo ba kopile puso gore le bone ba batla mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one.
Bagolo ba, ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Joseph Molefe ka Labobedi ( Motsheganong 5). Ba supile fa ba tlogela ditiro ba le masome a marataro ba ka dira sengwe le bone go na le gore b abo ba sotlega bas a ithuse ka sepe.
Mongwe wa bagolo bao, Rre Mmoloki Nkaiwa o supile fa le bone ba santse ba ikutlwa fela thata mme ka jalo puso e ba akanyetse. Rre Nkaiwa a re ba lebogele gore puso e bo e eme ka dinao go thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ga banana ka go ba tlhamela mananeo a ka one b aka ithusang ka one, a tlatsa ka gore le bone ba ka ithusa fela thata fa b aka direlwa a a ba amang.
O ne a tlhalosa gore le bone ke Batswana mme ba a miwa ke letlhoko la ditiro fa ba tlogela ditiro mme ba santse ba ikutlwa. Mo go tse dingwe banni ba kgaolwana e ba ne ba itela ka letloko la motlakase, metsi le ditsel atse di sa siamang.
Ba re kgaolwana ya bone e amilwe ke letlhoko le legolo la letlhoko la metsi mme sebe sa phiri ele diphaephe tse di dutlang mo motseng. Ba re go tsaya lobaka lo loleele go baakanya diphaephe tse mme metsi a felele a eme mo a k aba bakelang le bone bolwetsi jwa malaria tota.
Banni ba kopile mopalamente go emela se ka dinao ka e le matshwenyego fela a atlhokang go potlakelwa. E ne yare go le pele leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Jacqueline Tjidvasera a kopa mopalamente wa bone gore mathata a ba aparetsweng ke one mo kgaolwaneng ya bone ke letlhoko la lobo la kgotla.
Mme Tjidvasera a re ba bolawa ke letsatsi k aba tsenela diphuthego mo lebaleng ka ga go na leobo, go sena le yone ntlo ya boitekitso le one metsi tota a tlatsa ka gore selo se se dira gore e nne e kare kgaolo ya bone e bati.
Mo go tse dingwe o ne a lela fela ka letlhoko la didirisiwa tsa lenaneo la ipelegeng a re, babereki ba nna fel aba sa dire sepe ka go nne go sena didirisiwa.
A re kgaolwana ya bone e sekgwa fela se ban aba tshabang go ya sekoleng le bagolo ba thubediwang ntswa go nale babereki ba ipelegeng mme go sena se b aka thusang ka sone k aba sena didirisiwa.
Mme Tjidvasera a re sekgwa se gape sekatsa le bone borukutlhi mo kgaolwaneng ya bone fela thata, mme a kopa mopalamente go potlakela se. E ntse ele ka Ipelegeng, o ne a kopa gore ba okelediwe babereki a re palo ya masome a mabedi le bone e kwa tlase fela thata ka kgaolwana ya bone e le tona.
Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa kgaolwana ya bone ele kgakala le sepatela mme ba sokola go ya kwa sepateleng bosigo kgotsa motshegare k abo rra dikhombi ba gana go ba isa.
A re ba sokola go ya kwa sepateleng ka ba patelesega go pagama ga bedi k abo rra dikhombi ba gana go tlhamalala ko sepateleng ka bone ba re go kgakala.
Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa a tsile go ikopanya le ba lephata la ditsela ka go nne banni ba ngongorega fela botlha ka bontsi.
Rre Molefe a re ga go a tshwanela gore dipalamo tsa setshaba go golo jang di-taxi di gane go ba isa kw aba yang teng kgotsa kwa sepatela ka di diretswe go isa batho ka ba yang teng.
Ka dikgang tsa sepatele go bo se le kgakala mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e kakantse gore motse wa Mahalapye o motona mme e tlhatlose dikokelwana tse tlhano tse di teng mo motseng go nna tse di tona e bile di rira letsatsi lotlhe.
A re se se ka fokotsa le one mosuke kwa sepateleng se segolwana, a tlatsa ka gore dikago tsa sepatele se segologolo le tsone di tsile go shafadiwa mme se tsene mo tirisong.
O ne a tlhalosa gape gore le palo ya dingaka e tsile go okediwa ga mmogo le bodiredi ka motse wa Mahalapye o le motona fela thata.
Rre Molefe o ne a tlhalosetsa banni banni gore o tlaa tsaya matshenyego otlhe a kgaolo ya bone a a ise kwa maphateng a a lebaneng.
Mo go tsa banana gone o ne a ba tlhalotse gape gore lenaneo la banana la Youth Farmers Fund jaanong le fetogile, mme jaanong ele Youth Enterpreneuship Fund, a tlatsa gore ka lone lenaneo le jaanong banana fela botlhe b aba nang le keletso ya go ka itshimololela dikgwebo e leng tsa Bojanala, mesepele kgotsa dipe fela ba ka kopa madi a.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2015






