Breaking News

HIVAIDS e santse e le kgwetlho kwa Jwaneng

07 May 2015

Toropo ya Jwaneng e santse e itemogela kgolo mo kanamong ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS jo bo tsweletseng ka go gapa matselo a batho le go kokonela itsholelo.

Dipalo tse di tswang ko ofising e e okametseng dikgang tsa mogare mo Jwaneng di supa fa selekanyo sa kanamo ya mogare ele lesome le boraro mo lekgolong. Dipalo tseo di supa gore batho ba le lesome le boraro mo go ba le lekgolo ba tshela ka mogare.

Se se builwe bosheng ke mogolwane mo ofising e e okametseng dikgang tsa mogare, Mme Stella Keipeile.

Mme Keipeile a re dipalo di supa fa bomme ba le lesome le bosupa mo go ba le lekgolo kwa toropong eo ba tshela le mogare fa borre bone ba ferabongwe mo lekgolong. A re se ke sesupo sa gore bomme ba amegile thata go na le borre.

O ne a tlhalosa gape gore go ima ga banana, malwetsi a tlhakanelo dikobo,nnotagi le go fapaaanya bakapelo go thibela maiteko a puso a go lwantsha mogare wa HIV/AIDS. Le fa go ntse jalo o ne iteela legofi lenaneo la dipilisi tsa diritibatsi le la thibelo ya mogare go tswa mo go mmangwana go ya ko leseeng, a tlhalosa fa a tsamaya sentle.

Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Thapelo Olopeng, are puso e tshwenyegile thata ka bolwetsi joo, jo bo tsweletseng ka go nyeletsa banana. Are banana ba santse ba na le natla ya go ka lwantsha mogare le go ikgapha mo dilong tse di ka ba bayang mo diphatseng.

O ne a supa gore ditshekatsheko tse di dirilweng ka bolwetse jo di supa fa go nnile le phokotsego mo kanamong ya mogare mo bananeng ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya ko go tse masome a mabedi le bone.

O boletse fa go supega koketsego mo go ba ba dingwaga di masome a mabedi le botlhano go go ya ko go tse di masome a mabedi le borobabongwe. Are se se ntse se supa gore bomme ba amegile go feta borre.

Tona Olopeng are dipalo di supa fa kanamo ya malwetsi a tlhakanelo dikobo e godile mo bananeng ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya go masome a mane le borobabongwe ka ntlha ya go fapaanya bakapelo.

O ne a tlhalosa gore ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS e ka fenngwa ka boitshwaro go fema mogare o mosha. O ne a kgothatsa banana go tsaya boikarabelo le go ikgapha mo dilong tse di ka ba tsenyang mogare.

O tlhalositse gore dipaptlisiso tsa boitshwaro le tsone di supile fa palo ya lesome le borobabongwe mo lekgolong ya banana ba supile fa ba inaakantse le tlhakanelo dikobo ba le dingwaga tse di ko tlase ga lesome le boraro.

O ne a kgothatsa batsadi go tshwaragenela go godisa bana le puso ga mmogo le go ba fa dikgakololo. “Puso e itlamile go fedisa mogare mme re ka kgona ka tirisanyo mmogo ya batsadi mo go godiseng bana,” a tlatsa.

Tona Olopeng are puso e tlaa tswelela ka go tla ka mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola banana le go aba diritibatsi tsa mahala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : Jwaneng

Event : Phuthego

Date : 07 May 2015