Breaking News

Banni ba ngongorega ka tlhaelo ya ditirelo

07 May 2015

Banni  ba kgotla ya Madiba kwa Mahalapye ba ngongorega ka tlhaelo ya ditirelo tse ba di newang ke maphata a mmuso jaaka melemo, metsi le dikobo kwa kokelong ya Mahalapye.

Ba boletse mo phuthegong e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Joseph Molefhe , gore ka dinako tsotlhe fa ba ile bongakeng kwa Mahalapye ba tsaya lebaka le le leele mo meleng ba ise ba bone thuso, go tlhaelelwa ke boroko ga balwetse, go dirisa metsi a tsididi ga balwetse  le letlhoko la dipilisi mo e bileng ba batelesega goya go ithekela melemo mo madirelong a e seng a puso.

Ba kopile mopalamente go kgotlhakgotla lephata la botsogo go atolosa dikokelwana tsa Madiba, Baitiredi le Leetile gore dikgone go bereka bosigo le motshegare le go nna le dingaka go imolola sepatela se se leng teng morwalo ka jaana se amogela balwetse ba ba tswang mo mafelong a dikgaolo tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima

Ba re ere ntswa gole borai go todisa gonwa dipilisi tsa madi a matona, badiri ba kokelo ya Mahalapye go balelwa le dingaka ga ba tseye tsia dingongorego tsa bone ntswa go dira jalo go baya matshelo a bone mo diphaatseng tsa go latlhegelwa ke botshelo ntateng ya boitseme jwa badiri ba kokelo eo .

Ba kopilwe  gore ba agelwe kokelwana e  e ta a dirang nako tsotlhe  e na le ngaka le dipilisi go itsa go fetisetswa ko sepateleng se se tona go fokotswa mosuke le ditshenyegelo ka ba dirisa  madi a  mantsi mo dipalamong go ya ko go sone.

Banana ba tlhalositse fa ba kgobisiwa marapo go dirisa mananeo a banana ke badiri ba ba lebaneng le go ba thusa ka jaana fa ba ile go kopa dithuso ba batiwa go supa dithutego tse ba nang le tsone, mme seo se ba kgoreletse go akola mananeo ao jaajka  banana ba dikgaolo tse dingwe mo go dirang gore phelelong baye go lwela ditiro le bagolo mo Ipelegeng.

Mo phuthegong eo ba komiti ya ditlhabololo ba boleletse mopalamente fa ba kgonne go agela motlhoki mongwe ntlo ya boroko le ntlwana ya boitiketso gammogo le go tsenya dipompo tsa metsi mo dikgotleng tsa Madiba 14 le Leretlwa, mme ba bolela fa mathata a ba kgoreletsang go dira ditlhabololo ka boithaopi ele letlhoko la madi.

E rile Rre Molefhe a itebagantse le dikopo gammogo le dingongorego tsa banni ba Madiba 14 a bolela fa molao o sa letelele balwetse go ithekela melemo mo madirelong ae seng a puso ka seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng. 

Mabapi le tlhaelo ya metsi o tlhalositse fa selelo sa bone se arabilwe ka jaana mmuso o ntshitse thendara ya go tlhapa konteraka e tla gokelelang diphaephe tsa phatlalatso metse mo motsing wa Mahalapye.

Mopalamente o boletse fa gole maswabi go utlwa fa badiri ba ofisi ya banana bale maoto a tshupe go thusa banana ka mananeo ao, ntswa puso e dirile mananeo ao ka maikaelelo a go inola Batswana mo lehumeng, go lwantsha letlhoko la ditiro le go tswaklanya itsholelo ka go simolola dikgwebo ditshwana dikoporase.

Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosa fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le okeditse dipalo tsa  badiri ba Ipelegeng lefatshe leno ka bophara, mme sebe sa phiri dipalo tsa babereki ba ipelegeng di dirwa ke gore bontsi jwa Batswana ga ba tswa ka sepe kwa masimo ntateng ya dipula tse di boutsana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 07 May 2015